Breaking News

Tlotlang bagolo - Venson-Moitoi

21 Oct 2018

Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re bana ba tlamega go direla le go tlotla batsadi.

O buile jalo kwa Pallaroad Phalane a tlhola masome a mabedi kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke bagodi ba motse oo, go lebogela puso lenaneo la motla o dutse. 

“Re tlamega go direla batsadi ba rona jaaka ba re godisitse go nna batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng,” ga tlhalosa Dr Venson-Moitoi.

Dr Venson-Moitoi a re o lemoga botlhokwa jwa tiro e e dirilweng ke bagodi ba Pallaroad. 

“Re agela bokamoso jwa rona mo go lona.” 

O ne a supa fa Setswana se tlhalosa ka seane se se reng, letlhaku le lesha le agelwa mo godimo ga le legologolo le gore tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng.

O ne a supa gore le fa batsadi mo dingwageng tsa maloba ba dirile ka thata go godisa bana ba ba nang le boikarabelo e bile ba tlotla batsadi, mo nakong ya gompieno seemo se fetogile. 

“Rona re le bana ba lona re tshwarisitswe bothata ke bana ba rona. 

Bana ba rona ga ba boife sepe, ba kgona go tsaya tshwetso ya go gapela batsadi botshelo ba re motsadi o ba kgoreletsa go ja dithoto tse a di kgobokantseng.”

Ke belaela sengwe re sa se dira sentle, ga tlhalosa      Dr Venson-Moitoi. 

O supa gore tshokamo e e lebegang e dirwa mo kgodisong ya bana mo malatsing a gompieno, e ka rarabololwa fela ke go ikgata motlhala, go boelwa kwa bagolong go batla maano a go baakanya seemo.

“Le tlhoka go fiwa tlotlo, re ithute mo go lona. 

Re tshwanetse re baakanya lo santse lo le teng. 

Re itse tlotla mmago le rrago, gongwe Modimo o ka re itshwarela,” ga tlhalosa Dr Venson-Moitoi. 

Dr Venson-Moitoi a re ditiro tse bana ba di dirang tse di kgatlhisang di tlaa supa boammaaruri jo ba bo filweng ke batsadi. 

“Batho ba tlaa eletsa go itse kwa o tswang teng.” Dr Venson-Moitoi o gakolotse bagodi ba Pallaroad go leboga Modimo ka go tswelela o ba babaletse. 

Modimo o le beile fa, go boloka ba bangwe gore ba kgone go godisa bana ba bone ka tsela e e molemo, ga tlhalosa Dr Venson-Moitoi. 

O gakolotse bagodi gore ope wa bone yo o ka tswang a na le sekgophi mo pelong, a itshwarele botlhe ba ba mo leofetseng gore motsing a robalang a bo a phuthologile mo moweng. 

“Re romilwe mo lefatsheng go tla go aga le go boloka ba bangwe, ka jalo go botlhokwa go itshwarela.”

Modulasetilo wa komiti ya bagodi ba Pallaroad, Rre Otsetswe Mangope o tlhalositse gore mogopolo wa go rulaganya tiro eo, o simolotse go rerwa ka 2016. 

Rre Mangope o supile gore sengwe tsa dilo tse di neng tsa dia go tsweledisa kakanyo ya bone ke gore o ne a latlhegelwa ke pono. 

“Le fa ke sena matlho, tlhaloganyo ga ise e sirege, ka jalo re ne ra boela mo maikaelelong a rona mme ra felela re kgona.” 

“Re ipelela dingwaga tse di masome mabedi le bobedi bagodi ba ntse ba fiwa madi. 

A re lebogeng goromente ka go lemoga gore re teng,” ga tlhalosa Rre Mangope. 

Rre Mangope o ne a tlhalosa gore le fa dikgwetlho di ne di le teng, bagodi ba Pallaroad ba kgonne ka boineelo le lorato. 

“Re gorogile mo dingwageng tse ka thato ya Modimo, ka jalo go botlhokwa go leboga.” 

Moletlo o ne o ikaegile ka setlhogo se se reng, Bogodi Jwa Rona ke Tshegofatso ya Modimo.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : PALLAROAD

Event : Moletlo

Date : 21 Oct 2018