Breaking News

Sekole se tlaa tokafadiwa

21 Oct 2018

Lephata la thuto e potlana le ikaelela go baakanya seemo sa matlwana a boitiketso le dikgago tse dingwe kwa sekoleng se sebotlana sa Ramokgonami.

Fa a buisa phuthego kwa Ramokgonami, tona wa lephata la thuto e potlana, Rre Bagalatia Arone yo o neng a lekola sekole se sebotlana le se segolwane a re o maswabi go bo seemo se ntse jalo.

A re puso e eletsa gore maduo a dikole a ye kwa godimo mme fa bana le barutabana ba tshelela mo diemong tse di ntseng jalo go ba ketefalela gore ba ntshe maduo, a tlatsa ka go re seemo sa matlwana a boitiketso a sekole se sebotlana ga se a siamela botsogo jwa bana.

A re le fa go ntse jalo, puso e ne ya afa dikhansele boikarabelo jwa go tlhokomela dikago tsa dikole tse dipotlana fa goromente yo motona ene a filwe boikarabelo jwa go tlhokomela dikago tsa dikole tse dikgolwane.

O tlhalosa fa maikaelelo e le go nna fa fatshe le dikhansele go bona gore go ka tokafadiwa seemo sa dikgago tsa dikole tse dipotlana jang.

A re se se tlaa thusa gore ba goge sentle ba sa kgopakgopane gore bana le barutabana ba seka ba sokola.

A re le fa puso e le mo leshekereng la madi, seemo ga se letle gore go ka tlogelwa fela go sa dirwe sepe. A re ene le baeteledipele ba dikhansele ba tlamega go batla methale ya go tokafatsa matlwana a boithomelo le dikgago tsa sekole seo.

A re sekole se segolwane sa Ramokgonami sone se ne sa fiwa P600 000 go dira ditlhabololo mme mo mading a se ne se dirisitse P100 000 fela. O kopile bogogi jwa sekole seo go fefoga go dirisa madi a. A re ngwaga o setse o ya bokhutlong ka jalo ba ka iphithela ba busitse madi ntswa sekole se tlhoka dilo tse dintsi.

A re e le moeteledipele wa lephata la thuto e potlana ga a eletse gore madi a ditlhabololo a bowe fa e le sengwe a fele ka bonako gore a ye go kopa a mangwe.

A re seemo sa dikole tsa Ramokgonami se ka ama maikaelelo a puso a go lemoga le go nonotsha ditalente tsa bana.

A re puso e ikaelela go ntsha baithuti ba ba tlaa tlhamang mebereko e bile ba ka kgona go bona ditiro kwa mafatsheng a sele e seng ba ba tlaa lebang puso gore e ba tlhamele mebereko.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo, Mme Dorcas Makgato o lebogetse banni ba motse o go bo ba kgonne go nna le boitshoko ka nako e telele ka dikole tsa bone.

A re moseka phofu ya ga gabo ga a swe lentswe.

A re maphata a a amegang a santse a ya buisana go tla ka tharabololo mme morafe o tlaa itsesiwe tshwetso.

Banni ba lebogetse mopalamente go bo a ne a tsaya kgato ka seemo sa dikole.

Ba ne ba leboga Rre Arone go bo a ne a tsaya matsapa a go tla mo Ramokgonami go tlhodumela seemo gore e re ba buisana a ba a iponetse ka matlho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : RAMOKGONAMI

Event : Phuthego

Date : 21 Oct 2018