Breaking News

Kgosi o lebogela ditlhabololo

21 Oct 2018

Kgosi Lekang Motoane wa Sesung mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o lebogetse diofisi tsa kgotla tse di sa tswang go agwa.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Motoane a re diofisi tseo di simolotswe go agwa ka 2016 mme tsa fediwa ka 2017 a ya fifing. Ka jalo di simolotswe go dirisiwa monongwaga o rogwa.

Kgosi Motoane a re mo kagong eo go na le ofisi ya ga kgosi, mokwaledi, modiredi yo o phuthang dikoloto ga mmogo le ya ga mmaboitekanelo.

A re morafe o tlaa akola ditirelo kwa go tsone e bile di file motse seriti. 

O tlhalositse gore diofisi tseo ke nngwe ya ditlhabololo tse ditona kwa motseng wa gagwe ka di ba file bonno jo bo maleba jwa go tsamaisa ditirelo tsa kgotla sentle. 

Kgosi Motoane a re o solofetse gore diofisi tseo di godise seemo sa bodiredi ka ba sofoletse dibalamakgolo tse di tlaa dirisiwang go thusa morafe. 

A re mo nakong e e fitileng ba ne ba dirisa matlo a komiti ya ditlhabololo go dira ditirelo tsa kgotla mme mo nakong ya gompieno ba sutile mo matlong ao gore VDC e tle e kgone go tswelela e dira ditiro tsa yone. 

A re seo se ba fokoleditse go tsamaya sekgala se seleele ba ya go kopa dingwe ditlamelo kwa Letlhakeng. 

Kgosi Motoane o rotloeditse banana go supa kgatlhego ya go di dirisa ka jaanong go na le modiredi wa mananeo a banana yo o thusang ka go tlatsa difomo tsa mananeo a banana ga mmogo le la LIMID mme morago a ise difomo tseo kwa go ba ba maleba.

Le fa go ntse jalo, o ngongoregile gore diofisi tseo ga di na matlwana a a tshegetsang ka nakwana babelaelwa, ka jalo go patelesega gore ba tshegediwe kwa Letlhakeng. A re gape ga gona moriti wa dikoloi.

O ne a ngongorega ka letlhoko la koloi ya kgotla. 

A re gape go a tshwenya ka go sena modisa dikago kwa diofising tseo mme seo sele borai mo pabalesegong ya tsone.

E rile a ama dikgang tse dingwe a tlhalosa gore o tshwentswe ke bogodu jo bo kwa godimo jwa megala motlakase. 

O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno ga gona ope yo o tshwerweng mo molatong oo ntswa megala eo e utsiwa kgapetsakgapetsa. 

Kgosi Motoane o akgotse banana ba motse oo go tswelela ba itshwere sentle ka botho e bile a re ga ba tsenye dingalo ka ba sa lwantshane kwa maitisong ga mmogo le go dira sepe se se seng ka fa molaong.

Le fa go ntse jalo, o kopile batsadi gore fa bana ba tlhoka tsebe ba seka ba ba diegela ba kope dithuso tse di maleba go busetsa seemo mo taolong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Sesung

Event : Potsolotso

Date : 21 Oct 2018