Gasemotho Moithaopi wa popota
21 Oct 2018
E re ntswa go lelwa thata ka go nyelela ga boithaopo mo Batswaneng, tsotlhe ga di a re latlhegela ka bangwe ba santse tshegeditse mowa wa boithapo, jo ba bo dirang go tswa botennye jwa dipelo tsa bone.
Bangwe ba dira jalo mo diofising tsa puso, letsatsi le letsatsi ka boineelo le bopelotelele, go sa kgathalesege gore a ba a a atswiwa kana nnyaa.
Rre Mothusi Gasemotho wa dingwaga tse di masome a mane le boraro wa kgotla ya Boikago mo Palapye, ke mongwe wa ba ba santseng ba na le mowa oo.
Ebre ntswa a sa atswiwe, o setse a na le dingwaga di le lesome le boraro le ba lephata la dikitsiso kwa Palapye go ba thusa go folosa pampiri ya dikgang fa e goroga letsatsi le letsatsi.
Mosepele o, go bolelwa o simologile fela, go sena kopo kana puisano, fa e se gore Rre Gasemotho kana Two Six jaaka a retwa ke bodiredi jwa puso le setshaba ka ka karetso, segolo jang se se tlelang dithuso mo diofising tsa puso, a bone go tshwanela go thusa go ntsha pampiri ya dikgang kwa maemelong a dikoloi, a bo a e isa kwa ofising, kwa jaanong a laolang le go ajwa ga yone.
Rre yoo o rata tiro ya go folosa pampiri ya dikgang, mme o e dira ka botswapelo.
E re ka gompieno pampiri e kgona go goroga pele ga nako ya go theogelwa, Two Six le ene o bone go lebanye go tsamaya le diphetogo tseo, mme mo gongwe e bile a tla pele ga nako, gore e fitlhele a e emetse.
Boineelo, lorato le botswerere jo Rre Gasemotho a ithaopileng ka jone di ne tsa ama dipelo tsa batho ba le bantsi ba ba direlang mo diofising tsa puso, mme bangwe e a re fa go tswa ditiro tsa nakwana, ba ikopanye le ba ofisi ya dikitsiso gore ba letle moithaopi wa bone go ba thusa mme ba mo atswetse tiro eo.
Le gone mo lephateng fa ditiro tsa mofuta oo di le teng, o a dithapelwa gore a kgone a bone dithebenyana.
Mme fela go tshwanetse ga itsewe gore tse tsotlhe, di tla morago ga go folosa pampiri ya dikgang, mme e bile go setse go itsege gore boithaopo jwa go folosa pampiri ga a bo tlogele, go ya go dira tiro e sele le fa e le gone go ka direla kgakala le lephata la dikitsiso tota.
E rile go bona se, lephata le ne la ikopanya le ba lephata la tsa phiro, gore fa dikompone di ntse d itla go batla batho ba mo neele dikompone, bogolo jang mo ditirong di tshwana le tsa diatla, maiteko a ne a itaya sefololetse ka Rre Gasemotho a ne a supa fa ene a ka seke a direle kgakala le fa pampiri e gorogelang teng.
Ka jalo Two Six o ne a palelana le ba lephata la tsa phiro, ba ba neng ba leka bojotlhe go mo amanya le dikonteraka tse di tlhokang batho mme ba itaa sefolletse ba felela ba itlhoboga.
E re ka jaanong go bonala fa Two-Six e le ngwana wa lephata la dikitsiso la Palapye, bodiredi boithaopetse go mo thusa ka fa ba ka kgonang ka teng jaaka go mo rekela diaparo, melora, ditlolo ka nako ya ngwaga o fela.
Mothusi ke motho yo o bonolo gape a didimetse, yo o sa rateng modumo le go buisiwa, mme fela mo pampiring ya dikgang o ka mo tlola a eme, ga a rate e ka foloswa ke mongwe le mongwe kwa ntle ga gagwe.
Ke motho yo o kelotlhoko mo go reng e tsewa jang, mme fa motho a sa e tsee sentle kana a lebega a batla go e ikgagapelela, o kgona go kgalemela kana go ikopanya le bodiredi go supa ngongorego, kgang e le gore motho wa go nna jalo a kgalemelwe ka o tlaa tlhaetsa ba bangwe pampiri.
Morago ga go lemoga fa a phakela thata, bodiredi bone jwa netefatsa gore o bona kopi ya tee le borotho moso le moso fa a sena go folosa pampiri.
Fa se e se sekao sa boithaopo, go raya gore tota ga go na boithaopo mo lefatsheng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Potsolotso
Date : 21 Oct 2018




