Breaking News

Boitsholo jwa banana ga bo itumedise Kgosi

18 Oct 2018

Kgosi Segale Letshele wa kgaolwana ya Phase IV kwa Francistown a re ga a itumedisiwe ke boitsholo jo bo makgasa jwa banana ba kgaolo ya gagwe.

Fa a bua mo puisanong le BOPA bosheng, Kgosi Letshele o ne a tlhalosa fa ditsheko ka bontsi kwa kgotleng ya gagwe e le tse di amang banana.

A re fa e sale ngwaga ono o simologa, o setse a atlhotse dikgang di feta makgolo a mararo tse bontsi jwa tsone di amanang le banana.

O supile fa melato e akaretsa go dirisa puo e e botlha, go utswa kwa mabenkeleng, dintwa, tse nako nngwe go dirisiwang dilo tse di borai di tshwana le dithipa, dipekere, melangwana le tse dingwe.

Kgosi Letshele  a re gangwe le gape mabenkele a matona jaaka Shoprite, Spar, Choppies le a mangwe, ba tsisa boikuelo jwa banana ba ba utswileng dilwana kwa kgotleng ya gagwe.

A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore bangwe ba banana bao ke bana ba dikole, go balelwa le ba tse dipotlana.

O tlhalositse fa go thibelela ga banana mo mekgwatheng fa ba tswa dikoleng ba sa ye malwapeng e le gone mo go felelang go baka gore ba raelesege ba bo ba ya go ipha dithoto kwa mabenkeleng.

O supile fa go dirisa  nnotagi le ditagi phetelela le gone e kuketsa go tlhoka go itshwara sentle ga banana, mme e bile bangwe batsadi e le bone ba ba rekisetsang ditagi tse di borai jaaka motokwane.

A re o kile a buisana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolwana ya gagwe gore ba bee leitlho seemo sa majalwa a a dirwang mo malwapeng, go netefatsa gore bagwebi ba one ba sala molao morago jaaka go tswala dikgwebo ka nako, a tlhalosa fa mafelo a nnotagi a oka banana kwa ba felelang ba dira tse di duleng mo tseleng teng.

Kgosi Letshele o gateletse gore le fa go ntse jalo, fa a sa le a simolola go letsa thupa kwa kgaolong ya gagwe, dikgetsi tse di amang maitsholo a a makgasa a banana di wela tlase.

Kgosi a re e re le ntswa kgolegelo e ka thusa go aga banana, go ba tlatsa ka dikgolegelo go ka ama bokamoso jwa bone le jwa lefatshe la Botswana.

O ne a ikuela mo batsading go ruta bana molao ba sale bannye go balelwa le go ba kgalemela fa ba dule mo tseleng ka go twe lo ojwa lo sa le metsi.

O buile fa malwapa mangwe e le kwa ga mmapereko, batsadi ba lwela fa pele ga bana, e bile go sena kgalemo e e tseneletseng mo baneng, mme se se felela se rotloetsa bana go tlhoka tsebe.

A re baruti kwa dikerekeng le bone ba ka thusa go netefatsa fa bana ba gola ba utlwa molao wa Modimo o o ka ba rotloetsang go itshwara sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : potsolotso

Date : 18 Oct 2018