LIMID e thusa Marakalala
18 Oct 2018
Monana ba Bobonong, Rre Immanuel Marakalala ke mongwe wa barui ba dipodi kwa morakeng o o bapileng le Bobonong wa Metsibotlhoko.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Marakalala o tlhalositse fa ngogola a kgonne go bona dipodi tse di ferang bobedi tse dinamagadi le e tonanyana ka thuso ya LIMID.
O tlhalositse fa dipodi tse a di neetsweng ka LIMID e le tsa Seswana, a tlatsa ka go re mofuta oo, ke o o kgonang go itsetsepela le go tshela lebaka le leleele mo dinakong tsa leuba.
Rre Marakalala, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano, o supile gape fa LIMID e ne ya ba thusa ka melemo e e alafang malwetse a tshwana le kwatsi ga mmogo le bolwetse jwa mabele jo bo tlwaelesegileng ka go anama thata mo Bobirwa.
O kaile fa LIMID e mo thusitse ka a tswa kgakala a na le toro ya go nna morui.
A re botlhokwa jwa go rua dipodi ke gore di bogadi bo gaufi.
Rre Marakalala a re dipodi di tlhokana le tlhokomelo e e tseneletseng jaaka go di neela metsi le go disiwa gore di seka tsa jewa ke dibatana kana tsa aswa.
O tlhalositse fa nako e gorogile gore leruo jaaka dipodi le tsewe ka tlhoafalo segolo jang mo dinakong tsa gompieno tse lefatshe le lebanweng ke letlhoko la ditiro.
Rre Marakalala o kaile fa dibatana le malwetse e le dingwe tsa dikgang tse di itsang barui go tswelela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 18 Oct 2018




