Breaking News

Bomme ba badiragatsi ba kopa thotloetso

18 Oct 2018

Go tlhoka  thotloetso le mmaraka ke mangwe mabaka a a itsang dikgwebo go tswelela, bogolo jang tse di kwa magaeng.

Fa go sena mmaraka o di ikaegileng ka one, di felela di sa itshetlele, ka jalo di felele di phutlhama mme se se felele se dira gore maiteko a puso a go thusa setshaba go tlhama mebereko ka mananeo a seka a atlega.

Setlhopha sa bomme sa Badiragatsi ke sengwe sa tse di atlegileng ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2014, go simolodisa kgwebo ya go apaya borotho.

Setlhopha sa Badiragatsi Bakery se na le maloko a bomme ba le bane e bong, Basetsana Phelelo, Keitumetse Letshoo le Dimakatso Nkau.

Se itebagantse le go apaya borotho ka mefuta jaaka mapakiwa, magwinya, lofo magareng ga a mangwe.

Mo potsolotsong le BOPA Mme Phelelo o kaile fa letlhoko la mmaraka le ama kgwebo ya bone go menagane, a tlhalosa fa ba dira ipapatso ka go bolelela batho ka kgwebo ya bone gongwe le gonngwe kwa ba yang teng.

A re le fa ba faraferwe ke dikgwetlho tsa letlhoko la mmaraka ga ba a ikemisetsa go phutlhama, ba tlaa tswelela ka go iteka go fitlhelela ba atlega.

O kaile fa letlhoko la didirisiwa tse di maleba jaaka motshine o o dubang le o o kgaoganyang borotho e le senngwe se se ba busetsang morago, a supa gape fa boturu jwa didirisiwa le letlhoko la sepalamo e le dingwe tsa dikgwetlho tse di ba lebanyeng.

O tlhalositse fa mo bogompienong ba kgona ka go tsamaya ba rekisa borotho ka diemere mo motseng.

A re dithendara tsa go apaya marotho a meletlo jaaka manyalo, ipelelo matsalo le dintsho le tsone di ba thusa go lwantsha botlhoki.

O supile fa kgwebo e nametsa ka mafelo a beke, ka jaana bontsi jwa ditiro di dirwa ka yone nako eo.
A re go apaya borotho jwa tlhwatlhwa jo bo itumedisang bareki ke nngwe ya tse di ba okelang bareki ba mediro.
“Mo kgwebong o wa o tsoga, ka gore malatsi ga a tle ka go tshwana e bile mokodue go tsosiwa o o itekang, ka jalo ga re kitla re ineela go kgojwa marapo ke dikgwetlho,” a latlhela.
A re boineelo le lerato mo go se ba se dirang ke tsone tse di ba tiisang moko e bile bone ka bo bone ba a kgothatsana fa diemo di ba tlela.
Mme Phelelo a re keletso ke go bona kgwebo ya bone e phophoma e bile ba rekisetsa mabentlele a a farologaneng borotho ga mmogo le dikole mo Mogobane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Galaletsang Letshoo

Location : MOGOBANE

Event : Potsolotso

Date : 18 Oct 2018