Ba gakololwa go itshokela dikgwetlho
18 Oct 2018
Mothusa Modulasetilo wa kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Lathang Molonda o gwetlhile bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a puso jaaka nyeletso lehuma go dira ka thata gore a ba tswele mosola.
Rre Molonda o buile jalo mo phuthego e e neng e tshwerwe kwa Shorobe go lekola ba ba abetsweng mananeo bosheng.
O supile fa mo diphuthegong tse ba di tshwereng go le pele ba lemogile fa bangwe ba tswa ka methale ya go fenya dikgwetlho mme bangwe ba ineela fa ba kopana le diemo.
Rre Molonda ka jalo o ne a ba gwetlha go tswa ka maele a go fenya dikgwetho, a re maikaelelo a puso ka mananeo ao ke go bona ba dule mo lehumeng le nta e tshetlha.
O ne gape a gwetlha boeteledipele jwa kgaolo jaaka bokgosi, ba komiti ya ditlhabololo le tsa bodirala puso go tshwaragana go lekola gore a mananeo ao a tsamaya sentle le go fa bogakolodi gore dikgwebo tseo di seka tsa phutlhama.
Fa a ba amogela, Kgosi Gaditshwane Mmutle wa Shorobe o ne a re maneo a tsamaya sentle mo motseng oo, bogolo jang la ba ba filweng dipodi.
Le fa go ntse jalo, Rre Mmuntle o ne a re ba ba filweng lenaneo la merogo bone ba tlhokile lesego ka dikgwebo di phutlhame ka ntlha ya letlhoko la metsi le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi tse di neng di babalela bagwebi ba ba botlana.
Mongwe wa baikopedi, Mme Letlhogile Sasa o ne a supa fa dipodi tse a di filweng ka 2015 di le lesome le bongwe ka phoko di atile e bile di le lesome le botlhano le dipotsane tse di lesome mo nakong ya gompieno.
Le fa go ntse jalo mme Sasa o ne a supa fa a tshwenngwa ke bogodu jwa leruo, dintsa tse di jang dipodi le go bo leruo la gagwe le tssla botonanyana thata.
Mme Godirilwemang Enele wa lenaneo la tante o ne o a re kgwebo eo ga e mmusetse mo go nametsang, a re mabaka ke gore ga ba a fiwa didirisiwa dingwe tse di batlwang ke baji-bareki.
Mme Masasa yo o abetsweng lenaneo la go apaya borotho ene o ne a re o akotse lenaneo leo, a tlatsa ka go re o kgonne go aga ntlo ya dikamore tse pedi e bile o kgona go boloka bontlha bongwe.
Morulaganyi wa Nyeletso lehuma wa kgaolo ya Maun Rre Keeme Mokgadi o ne a rotloetsa ba dikgwebo tsa leruo gore ba tsenye leitlho mo dikgwebong tsa bone gore ba kgone go lemoga fa di na le mathata.
Rre Mokgadi o ne a gakolola ba ba nang le dikgwebo go tshwaragana go nna seopo sengwe gore ba thusane maano a go ipapatsa le go fenya dikgwetlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : SHOROBE
Event : Phuthego
Date : 18 Oct 2018




