Maina a ditsela a tsosolosa ditso
18 Oct 2018
Magosi a Mokokwana le Maunatlala ba boletse fa ba ikaelela go bitsa ditsela tse di mo metseng ya bone ka maina a mafelo a a tshwereng ditso le ditumelo tsa merafe eo.
Ba boletse mo potsolotsong fa dingwe ditsela di tlaa bidiwa ka maina a bagaka ba ba diretseng metse ya bone ka bokgabane e le tsela ya go tsosolosa ditso le go tlotlomatsa ba bo ba ipelefatsa ka tse ba di ba diretseng.
Se se tsile morago ga gore ba lephata la ditsela mo khanseleng ba laole gore ditsela tsotlhe mo metseng di rewe maina.
Kgosi Goitsekgosi Balebetse wa Mokokwana o boletse fa morafe wa gagwe o setse o dumalane ka maina a ditsela tse di mo motseng wa bone, go setse fela gore ba khansele ba tle go a rurifatsa.
O tlhalositse fa ba ne ba remeletse mo ditsong tse di fitlhelwang mo motseng tse a reng bontsi jwa basha ga ba di itse mme a supa fa go reelela ditsela ka tsone go tlaa tsosolosa go bo go tshegetse serodumo sa Bakokwana.
O ne a nankola mangwe maina a ba dumalaneng ka one a akaretsa maina a a mo ditseleng tse di mo mantsweng a a neng a teilwe ke mabutswapele mme ba a foloseditse mo motseng.
Kgosi Balebetswe o ne a kaya leina le tshwana Lekhutile Tshimoloi ‘Moloto’, yo a tlhalositseng fa e ne e le mongwe wa bagologolo ba ba sa tlholeng ba le mo botshelong mme e kile ya re motse wa bone o batla go phatlalala go twe ba Mokokwana ba isiwa kwa Mabalane a bo a kgona go o aga gape.
A re e nngwe tsela e reeletswe ka noka ya Manowe e e tumileng thata mo motseng, e bile morafe o ikaegile ka yone ka e se ke e kgala.
Kgosi o ne a supa fa motse wa gagwe o dikaganyeditswe ke dithaba mme fa di kgaoganang teng tsela eo ba e bitsa Phadana, ke ka moo a reng ba ne ba bona go le matshwanedi go bitsa nngwe tsela mo motseng ka leina leo.
Kgosi Phoophoo Mapena wa Maunatlala le ene o supile fa morafe o dumalane ka maina a ditsela tse di mo motseng mme a tlhalosa fa ba ne ba itebagantse le bagaka ba ba kileng ba feta mo motseng wa bone.
O ne a nankola Rre Lebudi yo o neng a tswa Tumasera mme a kile a tla go ruta mo sekoleng se sebotlana sa Maunatlala mme ba gopola tiro e ntle e a e dirileng ka nako eo.
Kgosi Mapena o boletse fa tsela e nngwe e tlaa bidiwa ka Rre Morakaladi yo e neng e le morutabana, mme a nnile le seabe mo go reng sekole se sebotlana sa Maunatlala se nne le lekwalo la borataro ka se ne se felela ka lekwalo ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 18 Oct 2018




