Breaking News

Ikwadisetso ditlhopo e a ngongora

18 Oct 2018

Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Ghanzi, Rre Tshenolo Gabonthone a re dipalo tsa batho ba ba ikwadisetsang ditlhopo tsa setshaba kwa kgaolong ya Ghanzi Bokone e kwa tlase thata go na le kwa Ghanzi Borwa.

Mogolwane yoo o boleletse phuthego e e neng a biditswe go bua le maloko a diphathi tsa sepolotiki le ba-na-le seabe go tla go buisana ka dikgwetlho tse di dirang gore batho ba seka ba ikwadisa ka dipalo tse di nametsang.

Rre Gabonthone a re batho ba ba setseng ba ikwadisitse kwa Ghanzi Bokone fa e sale ikwadisetso ditlhopo e simolola ba 6 464, fa kwa Ghanzi Borwa go ikwadisitswe ba le 8 422.

Mogolwane yoo, o kopile ba diphathi tsa sepolotiki go rotloetsa Batswana go ikwadisa, a re fa ba simolola go kwadisa, dikgwetlho di ne di le teng, di tshwana kwa dikoleng kwa ba dirisang matlo a borutelo, mme ka nako eo a ne a dirisiwa ka dikole ga di ise di tswalwe.

A re le fa go ntse jalo ba ne ba kopa phatlha mo diofising tsa bagolwane ba dikole gore tiro e kgone go tswelela.

Rre Gabonthone a re gape ba ne ba nna le tlhaelo ya didirisiwa jaaka ditafole le tse dingwe, mme ba lekile go adima ba kgonne.

E rile Rre Shane Kebadile yo e leng leloko la UDC a akgela, a supa fa batho ba sa ikwadise ka bontsi ka gore ba batla go ya go ikwadisetsa kwa ba batlang go tlhophela teng.

A re kgwetlho e nngwe ke gore batho ba latlhile bo Omang, mme ba batla gore bontlhopheng e nne bone ba ba ba duelelang gore ba kgone go dira bo Omang ba basha.

Rre Kebadile o ne a kopa ba ofisi ya Omang go thusa batho ba ba tshwanang le banana ka gore bontsi jwa bone ba lela ka letlhoko la madi, mme ba batla go ya go tsaya bo Omang.

E rile Rre Modise Madumane, yo e leng mokwaledi wa BDP kwa Ghanzi  a akgela, a tlhalosa fa ba tsamaya mo dipolasing, mme bontsi jwa batho ba ba nnang koo ba santse ba tlhaela thuto ka ikwadiso.

Rre Madumane a re bangwe ga ba tlhaloganye pharologanyo ya ditlhopo tsa diphathi tsa sepolotiki le tsa setshaba, a tlatsa ka go re bangwe bo Omang ba bone ba sale ba fedile ba ntse fela, fa bangwe ba ise ba tsee boOmang gotlhelele.

Rre Jacob Motlhanka, yo o okametseng ofisi ya ditlhopo ya  Ghanzi le Maun, o ne a kopa gore maloko a diphathi tsa sepolotiki le bagolwane ba maphata ba rotloetse Batswana go ikwadisa ka gore motho o tshwanetse go itlhophela moemedi yo a mmatlang.

Rre Motlhanka a re bontlhopheng ba tshwanetse go ema ka dinao go kwadisa batho, mme fela ba seka ba tsaya batho ba ba kwadisetsa kwa ba sa nneng teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego

Date : 18 Oct 2018