Lephata le rotloetsa banana ka dikgaisano le metshameko
17 Oct 2018
Lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao le kgothatsa banana go tsenelela dikgaisano tsa metshameko.
Fa a bua kwa dikgaisanong tsa metshameko tse di neng di tshwaretswe kwa Letlhakane bosheng, mogolwane wa mananeo wa kgaolo ya legare, Mme Kenalemang Magawe a re dikgaisano tse, di simolodisitswe ke puso ka 2008.
Mme Magawe o tlhalositse fa dikgaisanong di godile fa e sale di simolola.
Dikgaisano tse, di kgaogantswe gane mo ngwageng go ya ka go latelelana ga dikgaolo mme di simolola ka kgaolwana, kgaolo ya botlhophi, dikgaolo di tloge di felele ka dikgaisanyo tsa bosetshaba.
Mme Magawe o tlhalositse fa maikaelelo a dikgaisano e le go ntsha banana mo mebileng le go ba thibela go inaakanya le ditiro tse di sa siamang.
A re lenaneo le, le itebagantse le banana ba ba sa tseneng dikole, a tlatsa ka go re mefuta ya metshameko ya dikgaisano e meraro mme e akaretsa kgwele ya dinao, bolotloa le sephailwane.
Mme Magawe a re lephata la banana le dira maiteko ka go ngokela banana mo metshamekong e le tsela ya go rotloetsa boitekanelo ga mmogo le go aga botsalano.
A re maikaelelo a mangwe ke go ba rotloetsa go tsaya karolo mo go tseeng ditshwetso ga mmogo le go ba fa sebaka sa go supa bokgoni jwa bone.
Mme Magawe o boletse fa dikgaisano tse, di kgaogantswe ka dikgaolo di fera bobedi tsa Legare.
A re bafenyi ba dikgaisano ba tlaa fetela kwa legatong la bofelo la bosetshaba tse di tlaa tshwarelwang kwa Maun mafelo a Phalane.
Bafenyi ba dikgaisano ba ba gapileng maemo a ntlha mo kgweleng ya dinao ke MP Celties FC go tswa kwa Mahalapye Botlhaba, bolotloa bafenyi ya nna Bokamoso go tswa Mahalapye Bophirima, sephailwane sa bomme, Madiba VI fa sa borre go fentse Extrem VI go tswa kwa Serowe Borwa.
Mogolwane wa MP Celties, Rre Olebogeng Christopher a re dikgaisano di botlhoka ka di kgonne go ntsha banana mo ditseleng tse di maswe.
Rre Christoper a re ba kgonne go aga banana ba setlhopha sa bone e bile bangwe ba bone mafulo a matalana.
A re madi a ba a fiwang fa ba fentse ba buisana le batshameki ba bo ba dumelana gore go dirwe eng ka one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Dikgaisano
Date : 17 Oct 2018




