Breaking News

Tona o kgothatsa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo

17 Oct 2018

Tona wa lephatata la peeletso, papadi le madirelo, Mme Bogolo Kenewendo o rotloeditse baithuti ba sekole se segolwane sa Motopi go tsaya thuto ka tlhoafalo.

Tona Kenewendo o ntshitse kgakololo e kwa moletlong wa go rola mpho ya Botswana Stock Exchange ya motshine o o ntsifatsang dipampiri kwa Motopi bosheng.

Mme Kenewendo a re thuto e tshwanetse ya emelwa ka dinao mme e seka ya busediswa morago ke letlhoko la didirisiwa.

O boletse fa a tlaa tswelela a kopela sekole sa Motopi dithuso mo go tsotlhe tse ba di tlhokang ka jaana se na le letlhoko le le tona.

A re sekole sa Motopi se tsaya bana ba metse e le metlhano e e akaretsang Moreomaoto, Khumaga, Phuduhudu, Mababe, Khwee mme se se bake letlhoko le kwa matlong a boroko jwa bana.

Tona o lebogile Botswana Stock Exchange go bo e rile a itela mo go bone ka letlhoko la sekole sa Motopi ba mo reetsa.

Mme Kenewendo o lebogetse gape le barutabana tiro e ntle e ba e dirang le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho.

O rotloeditse bana go itekodisa mogokgo gore ba eletsa go dirwa jang kana ba tlhaela fa kae a bo a ba lebogela maduo a mogokgo a tlhalositseng fa a tokafetse.

A re mogokgo o supile gape fa ba dira sentle mo dithutong e bile ba fenya dikgaisano tsa thuto ka go farologana.

Tona o ne a gwetlha ba-na-le seabe go thusa puso ka e tlhaelelwa ke madi, a kopa batsadi go boela mokgwa wa bogologolo wa boipelego go thusa puso.

Mme Kenewendo o rotloeditse ba ba dingwaga di lesome le boferabobedi le go feta go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga o o tlang.

Moeteledipele wa Botswana Stock Exchange, Rre Thapelo Tsheole o boletse fa maikaelelo a bone e le go tsenya letsogo mo thutong ya lefatshe leno.

Rre Tsheole o kgothaditse baithuti go tlhoafalela thuto, a re ba tsee malebela mo go ene le tona.

A re le bone ba tsene dikole tsone tse ba di tsenang.

A re ba tlaa tswelela ba thusa sekole fa motshine o ka senyega kana o feletswe ke didirisiwa, a tlatsa ka go re ba tlaa tsweledisa botsalano go ya pele fa maduo a bonala.

Mogokgo wa sekole sa Motopi, Mme Victorious Gogannekgosi o tlhalositse fa maduo a sekole a tokafetse mme e bile ba ikaelela go tswelela ba a godisa.

Mme Gogannekgosi a re o solofela gore ba tlaa kgona maikaelelo a bone ka jaana baithuti ba sekole sa gagwe ba itshwara sentle le barutabana ba na le lorato mo baithuting.

A re motshine o tlaa tsisa pharologanyo mo tirong ya bone ka jaana ba ne ba kgona go tlhoka kwa ba ntsifatsang dipampiri teng kana ba tsamaya sekgala go ya go kopa thuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOTOPI

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 17 Oct 2018