Breaking News

Metlobo ya dibuka e ka solegela bagolo molemo

17 Oct 2018

Bagolo kwa Shashe Bridge ba rotloeditswe go dirisa metlobo ya dibuka go anywa thuto le dikitso tse di farologaneng ka di amang matshelo a bone.

Mogolwane wa metlobo ya dibuka mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao kwa Francistown Rre Kabelo Mdojwa o ne a bua le bagolo ba ba neng ba tseneletse dithuto tsa tiriso ya dikhomputara le ditlhaeletsano ba le lesome jaaka ba ne ba abela sekole sa bananyana moriti.

Rre Mdojwa o ne a leboga baithuti bao le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ka ba ne ba dira tiro eo ka mowa wa boithaopo le tshwaragano.

O ne a rotloetsa bagolo go ralala lefatshe leno go dirisa metlobo ya dibuka e e mo metseng ka go farologana.

O tlhalositse fa metlobo ya dibuka e le botlhokwa mo matshelong a bone, a supa fa e le lefelo le le faphegileng le le thusang go menagane go anamisa dikitso tse di tlhokang go itsewe ke setshaba.

A re fa bagolo ba ka dirisa metlobo, ba ka kwatabolotsa dikitso tse di tletseng ka ditlamelo tsa mananeneo le ditirelo tsa puso ka go farologana.

O ne a tlhalosa fa gangwe le gape bagolo ba na le go tsaya fa metlobo ya dibuka e le lefelo la banana fela, selo se a se kgadileng a rotloetsa bagolo go iketleetsa ka dipalo tse di bonalang.

“Metlobo ya dibuka ga e na seelo sa go re e ka dirisiwa ke batho ba dingwaga tse di kae,” a tlhalosa jalo a gatelela fa  mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go dirisa metlobo go anywa dikitso tsa botshelo ka go bala dibuka kgotsa go dirisa dikhomputara.

Rre Mdojwa o ne a tlhagisa bagolo fa go nna le kitso e le konokono ya katlego mo botshelong, segolo bogolo mo malatsing a segompieno a diphetogo.

Rre Mdojwa o bile a tlhagisa fa go tlhoka kitso go le borai mo matshelong a batho, mme a re metlobo ya dibuka ke yone tsela le boammaaruri go ka afa Batswana dikitso tse ba di tlhokang.

A re Batswana ba ka tsaya dikitso ka tse di diragalang mono le kwa mafatsheng a sele.

O tlhalositse fa kwa metlobong ya dibuka go na le maranyane a segompieno a a ka ba thusang go golagana le batho ba ba kgakala le bone go arogana maele le dikitso.

Rre Mdojwa o ne a fa sekai ka go tlhalosa fa bagolo ba ba ka dirisa maranyane a segompieno go itse ka malwetse a a tlhagogang ga mmogo le go abelana maele le dikitso ka tsa thuo le temo gore kgabagare ba ntshe maduo mo maikaelelong a bone a go nna balemi-barui ba tlhwatlhwa.

Go sa le foo mogolwane o ne a tlhalosetsa bagolo gore metlobo ga se go ya go bala le go tobetsa dikhomputara fela. A re kwa metlobong go dirwa ditiro tsa diatla tsa itshetso, go na le thuto ka metshameko ya itloso bodutu ya maloba e e akaretsang koi le morabaraba gareng ga e mengwe.

O ne a kopa bagolo gore ka e le bone ba ba nang le kitso ka metshameko e, ba etele metlobo gore ba nne le nako ya go rutuntsha banana ka metshameko ya go nna jalo.

A re go ngomola pelo ka jaana metshameko e e ikgatholositswe mme e bile banana ka bontsi ba se na kitso ka yone.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Paul Kgajwe o ne a gatelela botlhokwa jwa go tsenelela dithuto tsa tiriso ya dikhomputara le maranyane a sesha.

A re maranyane a ka ba thusa mo ipapatsong ya dikgwebo tsa bone mono gae le kwa mafatsheng a sele, mme kgabagare dikgwebo di kgone go bona mmaraka.

Le ene o ne a gwetlha bagolo gore ba seka ba ipona tsapa go tsenelela dithuto tse le gone go dirisa metlobo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SHASHE BRIDGE

Event : Phuthego

Date : 17 Oct 2018