Mapodisi a tshwenngwa ke dipolao
17 Oct 2018
Mapodisi a Mochudi a re a tshwentswe ke dipolaano mo motseng.
Mo potsolotsong le BOPA, Asst. Supt Wazha Zambezi a re ba setse ba gatisitse dipolao di le lesome go simolola ka Hirikgong go tsena kgwedi eno e le lesome le botlhano.
A re bontsi jwa dipolao tseo go supafala fa e le tsa baratani, mme tse dingwe di bakwa ke go tlhoka kutlwisisano.
Asst. Supt Zambezi a re banana ke bone ba amegang thata mo dipolaong tse ka dipalo di supa fa dingwaga tsa badira melato di simolola ka 22 go fitlha ka 41.
A re kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome, go ne ga begwa fa rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa o ne a tlhajwa ka sengwe se se bogale ke rre wa tsala ya gagwe wa dingwaga tse di masome mane le bongwe mo kgotleng ya Mosanta mo Mochudi, mme a tlhokafala.
Asst. Supt Zambezi a re pele ga pego eo ya polao go ne ga tla lekolwane la dingwaga tse di masome mabedi le bobedi kwa ofising ya bone a bolela fa a bolaile mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi wa Mochudi ka ba ne ba nnile le tlhokakutlwisisanyo.
A re babelaelwa botlhe ba mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso mme yo mongwe o setse a itshupile fa pele ga ga mmakaseterata go arabela molato wa polao.
O kopile setshaba go ikuela kwa go ba sepodisi fa ba bona dikai tse di supang fa motho a na le maikaelelo a go bolaya ka ba bangwe ba ntsha dikai fa ba setse ba batla go bolaya.
Asst. Supt Zambezi a re ba tsweletse ka go ruta setshaba go hema dipolaano.
A re go na le ditsela di le dintsi tse batho ba ka di tsayang go hema dipolao jaaka go kopa thuso mo go ba boipelego le masika.
O kopile setshaba gore se seka sa tsaya ditshwetso fa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi kana motho a fuduegile maikutlo kgotsa a tenegile.
A re setshaba se tshwanetse go itse gore go itseela ditshwetso jaaka go bolaya motho go ka felela go ba tsentse mo mathateng.
Asst. Supt Zambezi o kopile botlhe ba ba nang le mathata go ikuela e se re gongwe ba iphitlhela ba dirile sengwe se se ka ba senyetsang bokamoso.
O kopile banana go itse bomolemo jwa go ipuelela le go ikuela ka go sena sepe se se senang tharabololo mo botshelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 17 Oct 2018




