Breaking News

Pula ya matlakadibe e bolaile mosimanyana

17 Oct 2018

Go bolelwa fa e ne ya re ka Matlhatso ka nako ya borobabongwe bosigo mapodisi a Sejelo a begelwa fa bana ba wetswe ke ntlo kwa masimong a Tirwane gaufi le Kanye morago ga pula ya matlakadibe ya letsatsi leo.

Mookamela mapodisi a Sejelo Rre Matlapeng a re go begilwe fa ngwana wa dingwaga tse thataro a ne a tlhokafala mme yo mongwe wa tse tharo a ne a bona dikgobalo tse dipotlana mo nokeng.

Mapodisi a Sejelo gape a  tlhotlhomisa tiragalo e go itlhetsweng rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone wa kgotla yoora Tlagae  kwa Kanye a fitlhetsweng a tlhokafaletse mo ntlong.

Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Sejelo, Superitendent Mogomotsi Matlapeng a re e ne ya re ka Matlhatso ba amogela pego  mme mongwe a supa fa a fitlhela ngwana wa gagwe a tlhokafaletse mo bolaong.

Rre Matlapeng a re moswi go tlhalositswe fa a ntse a lwala mme mmaagwe a ne amo tlogela malatsi a mararo go ya masimo mme e ne ya re a boa ka Matlhatso a kgatlhatshiwa kwa kgorong ke go utlwa monko o o sa siamang mme fa a tsena a fitlhela ngwana wa gagwe a tlhokafetse e bile a senyegile.

A re ka setopo se ne se  senyegile go ne ga rulaganyediwa phitlho mme a bolokwa gone ka letsatsi leo.

Rre Matlapeng a re e ntse e le mo kgotleng yoora Tlagae, go begilwe fa dithoto le P5 600 di ne tsa jewa ke molelo morago ga gore beng ba robale ba sa tima kerese mme, mme ba tsosiwa ke monko wa segau bosigo.

Mogo tse dingwe Rre Matlapeng o ne a rotloetsa batsadi go tsaya maiakarabelo a go tlhomamisa gore kerese e timilwe pele ga ba robala ka e le borai. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 17 Oct 2018