Breaking News

VDC e dira ditiro tsa bopelotlhomogi

17 Oct 2018

Komiti ya ditlhabolo ya motse wa Sesung mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng e tsweletse ka go dira ditiro tsa bopelotlhomogi go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

Mo puisanyong le BOPA, motshola madi wa komiti eo Mme Mmathamile Makekere a re e le maloko a komiti eo ba ile ba dumalana go thusa motlhoki mongwe kwa motseng wa bone ka go mo agela ntlo ya dikamore tse pedi.

O tlhalositse gore ka VDC e thusa mo ditlhabololong tsa motse, ba bone go le maleba go inaakanya le go fetola matshelo ka go dira ditiro tsa bopelotlhomogi.

A re morago ga go lemoga fa motlhoki yoo a sena bodulo ka a ne a nna mo tanteng ba tsaya matsapa a go mo thusa ka go aga ntlo eo, gore a tle a nne ka pabalesego.

Mme Makekere a re seemo kwa lapeng leo se ne se sa iketla ka e rile ka nako ya merwalela ya Dineo ntlo ya Setswana e a neng a nna mo go yone le bana ba gagwe ya gosomana mme ba tlhoka boroko gore ba felele ba nna mo tanteng.

O tlhalositse gore tante ga e a babalesega.

Le fa go ntse jalo a re ba ne ba dumalana go tsaya madi a selekanyo sa P4 700 go tswa mo letloleng la komiti eo go simolola go aga ntlo eo.

A re gape e le maloko a komiti ba le borerabongwe ba ne ba ithaopa go koleka P50 mongwe le mongwe wa bone go tlatsa madi ao.

A re komiti ya bone e na le maloko a borre a le mabedi e bile ka e le baagi ke bone ba eteletseng kago eo pele mme ba dira ka boithaopo ba sa duelwe.

O tlhalositse gore maloko a bomme le one a tsweletse le go nna le seabe sa go thusa mo tirong eo.

Mme Makekere a re ba simolotse kago ya ntlo eo ka 2017 a fela mme mo nakong ya gompieno ba setse ba ruletse e ba setse ka go e batega, go tsenya matlhabaphefo ga mmogo le mabati.

A re mo tirong eo ba ne ba kopa dithuso ka go farologana mme ba thusiwa ke kompone ya kago ya Jamal kwa Letlhakeng ka disamante di le lesome, sekole se sebotlana sa Sesung ka disamente di le nne le tse dingwe.

O tlhalositse gore banni ba motse le bone ba thusitse ka go reka dilo ka go farologana.

O boletse gore ka kago e le turu ba tsweletse ka go kopa dithuso mo dikomponeng tse di farologaneng go ba thusa go wetsa tiro ya bone ka e setse e siilwe ke nako.

A re maikaelelo a bone ke gore ngwaga ono o fela ba bo ba weditse tiro eo mme ba e role semmuso.

Mme Lempaletse Kgalaengwe yo o dingwaga di masome mane le borataro o ne a supa boitumelo ka maiteko a VDC a re ba mo file seriti ga mmogo le tsholofelo fa ba sale ba simolola kago eo.

A re ntlo eo e tlaa mo solegela molemo le bana ba gagwe ba ba lesome le bongwe.

O tlhalositse gore pele ga kago eo go ne go le thata mo go ene e bile a tletswe ke mowa wa boitlhobogo mme le ene jaanong o tlaa kgona go nna le fa a bayang tlhogo teng e bile a babalesegile.

Ka jalo o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go thuseng VDC mo kagong eo.

A re seo se supa gore setshaba sa Botswana se na le mowa wa kutlwelobotlhoko mo bangweng ka bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : SESUNG

Event : Puisanyo

Date : 17 Oct 2018