Breaking News

Moeteledipele o tshwanetse go itshepha

16 Oct 2018

Mmueledi wa molao yo o ikemetseng, Rre Mmoloki Mogobe a re gore kgosana e kgone dikgang e tshwanetse ya bo e le motho yo o itshephang, a na le boikanyego le boikobo mo morafeng o a o eteletseng pele.

Rre Mogobe o buile  mafoko ao kwa peong ya kgosana wa tetlanyo wa kgotla yoora Mongala mo Kanye Kgosi Tshegofatso Mere bosheng.

A re gore motho a kgone tiro e a tlaa bong a e tshwere o tshwanetse go dira a le boikobo, a itshepha  a bile a ikanyega.

Rre Mogobe o kopile kgosi Mere gore  a nne boineelo mo tirong a bo a gwetlhe batho ka go ba kgatlha ka dikgato tsa gagwe tse dintle.

O kopile kgosi Mere gore mo tirong e a e neelwang ya bogosi a nne boineelo a bo a nne le maitlamo ka gore morafe o tlaa bo o beile mo go ene mme go seka ga nna le tlhakatlhakano mo goora Mongala.

A  re o tshwanetse go nna le tirisanyo mmogo mme go didimala ga go a siama. A re a ithute go bua le batho  a bo a tlhophe mafoko fa a bua le batho.

Rre Mogobe o bile a kopa kgosana gore a nne a etela makgotla a mangwe go ya go tsaya malebela.

A re a seka a ikgagapelela tiro a nne a roma ba ba mo tlhatlhamang, a bo a re fa a na le kgwetlho a bone gore o ka e rarabolola jang pele ga a ka kopa thuso mo go ba bangwe.

Fa a amogela thomo, Rre Mere o ne a re o itse gore mo botshelong ga go na motho yo o ratang  dikgosi ka di sa rate botlhoka tsebe le bogodu.

O boletse fa a na le maitlamo le maikaelelo a tshwana le go tla go aga matlo a segompieno a tshwaragane le ba komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya gagwe.

Kgosana yo o tlogetseng tiro ka bogodi Rre Kitso Kelosiwang yo e leng rangwanaagwe  Rre Mere, o ne a mmolela gore morafe o tsile go mo lebelela gore a o ba tsaya ka tekatekanyo le gore o sekisa a sa sokamela ntlha e le nngwe fela.

Rre Kelosiwa a re o mo laela morafe oora Mongala.

A re a bone gore ba ntse ba tlotlana jang mo kgotleng ya bone, e bile nne e re fa mongwe a tswa mo tseleng ba bangwe ba mmusetse.

A re batho boora Mongala ke batho ba ba sa itseng go seba fa ba ngongoregela sengwe ba a bua ba ntshetse kwa ntle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Peo ya Kgosana

Date : 16 Oct 2018