Morafe wa Seleka o roma Tona Makgato
16 Oct 2018
Ke tlhalogantse thomo ya lona bagaetsho, e bile ke lebogetse gore le kgonne go ntsha le dintlha tse disha tse ke ntseng ke sa di itse,” ga tlhalosa Tona wa lephata la merero ya setshaba, boagedi le bong, Mme Dorcas Makgato mo kgotleng ya Seleka jaaka a ne a rongwa ke morafe go latedisa katlholo ya kgotla kgolo ya ditsheko ya 1995.
Fa a amogela thomo ya morafe wa Seleka bosheng, Mme Makgato o ne a kopa go fiwa nako, go latedisa kgang ka boammaaruri.
“Fa go nna le makgwere mo thomong ya lona, ke tlaa rerisana le kgosi le ba le ba tlhophileng go le emela go nthusa go tlhaloganya kgang sentle,” Mme Makgato a supa.
Kgang e e tsositseng kgaruuru mo nakong ya gompieno e tsetswe ke gore morafe wa Seleka o ne wa ikuela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko ba supa fa ba ne ba sa rerisiwa ka tshwetso ya motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane ya go kopanya metse ya Tupya, Malete, Seleka le Rasesa go nna Tumasera.
Go ya ka dintlha tsa katlholo e e ntshitsweng ke moatlhodi Gyeke-Dako ka 1995, e ne ya dumalana le morafe wa Seleka gore ba tsentswe ka fa tlase ga leina la Tumasera ntle le therisanyo, ka jalo ba tshwanetse ba fiwe ditlamelo jaaka motse o o ikemetseng o le nosi.
Le fa kgotla ya ditsheko e dumetse gore Seleka o tshwanetse wa fiwa tshwanelo ya go ikemela a se ka fa tlase ga e e kopantsweng ke Kgosi Kgamane go nna Tumasera, ba supilwe fa ba tshwenngwa ke gore puso ga e ise e diragatsa taolo eo.
E rile a tsibogela kgang, Kgosi Gabagopolwe Seleka a supa fa e le boammaaruri ba tshwentswe ke seemo sa gore tshwetso e e tserweng ke kgotla ya ditsheko ga e diragadiwe, ka jalo o ne a bona go le botoka go kopana le morafe go tla go nnela kgang e.
Kgosi Seleka o tlhalositse gape gore morafe o ntshitse lekoko go latedisa kgang e, a tlatsa ka go re ba kopa Mme Makgato jaaka mopalamente wa bone go ba thusa go latedisa kgang.
Mongwe wa lekoko le le romilweng ke morafe wa Seleka, Rre Lazarus Madidimala a re le ba ntse ba ikuela mo bogosing le boeteledipele ka go farologana gore dintlha tse di mo katlholong ya kgotla kgolo ya ditsheko di diragadiwe, ga go nko e tswang lemina.
“Re tshwenngwa ke gore ga re bone phetolo mo boikuelong jwa rona,” Rre Madidimala a tlhalosa.
A re go ya ka fa a tlhaloganyang katlholo ya kgotla ya ditsheko ka teng, e tlhalosa gore Seleka o tshwanetse a fiwa ditlamelo jaaka motse o o ikemetseng o se ka fa tlase ga leina la Tumasera.
Pele ga a amogela thomo ya morafe, Mme Makgato o ne a supa fa morafe wa Seleka o na le ngongora ya gore le fa ba ne ba ikuela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko, ba dumela fa tshwetso ya kgotla kgolo e ise e diragadiwe.
Tona Makgato o ne a gakolola gore sengwe se morafe o ka se dirang ke go boela gape kwa kgotleng kgolo ya ditsheko go latedisa kgang.
“Tsela e nngwe e e ka dirisiwang ke go roma mopalamente kwa pusong go latedisa kgang ya lona,” ga tlhalosa Tona Makgato.
Mme Makgato a re se morafe o batlang go se itse ke gore puso e kgorelediwa ke eng go diragatsa ditshwetso tsa kgotla kgolo ya ditsheko.
O tlhalositse fa morafe o ka itlhophela go mo roma a le nosi kana a tshwaraganetse kgang le bangwe barongwa ba ba tswang mo morafeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : SELEKA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 16 Oct 2018




