Balemisi ba kgothatsa balemi go tla go tsaya peo
16 Oct 2018
Balemisi ba kgaolo ya Borwa ba kopa balemi go tla go tsaya peo ya mabele mo mabeelong a bone.
Mo potsolosong le BOPA, motswarelela rabalemisi wa kgaolo ya Borwa, Rre Malebogo Montshiwa, o tlhalositse fa balemi ba ba ikwadisitseng ba tshwanetse go tla go tsaya peo ya mabele fa ba santse ba letetse ya mmidi le dinawa.
O tlhalositse fa go tsaya ba ba neng ba ikwadisa fa ba ba tlang go ikwadisa ba ka dira jalo mo nakong eno ka go ne go emisitswe.
O supile fa balemi ba le maoto a tshupa go tla go tsaya dipeo tse di setseng di gorogile le mororo pula e phaitse.
Rre Montshiwa o boletse fa peo ya mmidi le dinawa e santse e saletse kwa morago ka ntata ya theko e e neng ya salela morago, mme a re balemi ba seka ba fela pelo ka gore e tlaa goroga mo nakong e e sa fediseng pelo.
O rotloeditse balemi go lema mabele le dinawa ka gore ke tsone di ka itshwarelelang mo ngwageng ono ka gore ba tepo lewapi ba supile fa pula e tlaa nna boutsana.
A re mabele le dinawa ke tsone di sa batleng metsi a mantsi thata go na le mmidi.
Le fa go ntse jalo, Rre Montshiwa o tlhalositse fa bangwe balemi ba masimo a Kanngwe go bapa le Mmathethe ba simolotse go pitikolola, a tlatsa ka go re e rile bosheng, ga na pula ya sefhako e e dirileng gore bangwe balemi ba eme ka dinao.
O ba rotloeditse go simolola fela fa dipula di simolola, a tlatsa ka go re kgwedi ya Phalane e maleba go simolola go lema ka tlhoafalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 16 Oct 2018




