Breaking News

Magosi a tshwanetse go nna sekao

16 Oct 2018

Mothusa kgosi wa kgotla ya Maokatumo, Kgosi Ketlhapile Kedikilwe a re dikgosi di tshwanetse go itsaya ka tsela e e amogelesegang go itsa go goga maina a merafe ya bone mo seretseng.

Mo puisanyong le BOPA, o kaisitse ka Moshe wa Baebele.

A re Kgosi ke mogogi, moeteledipele e bile ke ene pinagare o tshegeditse merafe e e farologaneng.

O tlhalositse gore dikgosi di tshwanetse go itlotla gore setshaba le sone se ba fe tlotlo e e ba tshwanetseng.

“Go le gantsi go simologa ka yo motona go ruta yo o kwa tlase ka boitshwaro, susu o tshwanetse go ilela suswana gore le suswana a tle a mo ilele,” Kgosi Kedikilwe a tlhalosa.

A re kgosi o tshwanetse go nna phepa mo ditirong tse a di dirang gore morafe e ithute mo go ene.

“Magosi ba tshwanetse ba ikaega thata ka lefoko la Modimo gore ba dire dilo tse di faphegileng ka go bo lefoko la Modimo le aga motho e bile le rotloetsa neelano le kagiso mo lefatsheng,” Kgosi Kedikilwe a supa.

Go supa gore motho ke Kgosi e e nang le boleng, Kgosi Kedikilwe a re ga a a  tshwanelwa ke go bonwa ka ditiro tse di fatlhang gore setshaba se mo tsee tsia le gore tshiamo e bonelwe mo go ene ka e le moeteledipele.

A re o tshwanetse go bereka le morafe sentle ntle le go gatelela kana go gobelela morafe.

Kgosi a re ngwao e na le seabe go dira magosi se ba leng sone fa ba e tsaya tsia le go e tlotla.

“Go le gantsi re le dikgosi, go na le batho ba ba sa re rateng ka mabaka a gore fa re atlhola dikgang tse di beilweng fa pele ga rona re lebile mabaka a a ntshitsweng, gape Kgosi ga a a a tshwanela go nna le tsala mo tirong gore a tsee batho ka tekatekano.

Kgosi o tlhoka morafe go dira tiro ya gagwe ka o thata ka morafe,” Kgosi Kedikilwe a supa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : MAOKATUMO

Event : Puisanyo

Date : 16 Oct 2018