Go tshololwa ga ditsheko go busetsa morago
15 Oct 2018
Go tshololwa ga ditsheko tse di isitsweng fa pele ga ba bosekise go rotloetsa go kekela ga borukutlhi le go baka ditshenyegelo tsa didirisiwa tsa puso.
Kgosi Ketlhapile Kedikilwe yo e leng mothusa kgosi wa kgotla ya Maokatumo a re e setse e kete ba tshameka mantlwane mo maitekong a go aga setshaba le go lwantsha borukutlhi ka go bona go le makgetlhonyana bangongoregi ba tsholola dikgang kgatlhanong le basekisiwa ba ise ba lebisiwe dikgang tse ba di pegilweng fa pele ga kgotla ya ditsheko.
Kgosi a re dikgang di tshwana le dititeo, bogodu jwa leruo le dikgotlhang magareng ga baratani ke dingwe tsa dikgang tse di tshabelelwang ke go tshololwa, selo se a reng se ba dira gore ba nne e kete ba a keta fa ba le mo tirong ya puso e e tlhoafetseng.
O tlhalositse gore go tshololwa mo ga ditsheko go bakwa ke ditumalano tse di dirwang magareng ga bangongoregi le babelaelwa gore kgang epe e e kwa lekgotleng e seka ya tsena go reediwa gore mmelaelwa a falole dikotlhao fa a ka bonwa molato.
“Go lere kgang fa pele ga lekgotla go raya go le go ntsi mo go rona ka gore re tshwanetse ra bereka ka natla mo go se re se laetsweng ke puso go ntsha maduo, fa mongongoregi a tsholola kgang o a bo a senyeditse puso nako, madi, le ditlamelo tse di kabong di dirisitswe mo bathong ba bangwe ba ba tsayang ditlamelo tsa puso ka tlhwaafalo,” Kgosi Kedikilwe a kgala.
O boletse gore ditiro tsa mofuta o tsa go dirisa dithoto tsa puso go bo go boa go senngwa di ka amanngwa le tshenyetso sechaba.
A re ope fela yo o nnang le kakanyo ya go folosa kgang e a e pegileng kwa lekgotleng o tshwanetse go lefisiwa madi a a ka lekanang le dipampiri tsa ditsheko, leokwane le le dirisiwang mo dikoloing tsa mapodisi, le nako le matsapa a a tserweng go fiwa thuso e a neng a e tlhoka ka nako eo.
O gakolotse setshaba go itse gore kgotla ga se lefelo la mmamodikwadikwane, ka jalo motho fa a tsisa boikuelo kwa kgotleng o tshwanetse go bo a feditse pelo e bile a itse se a yang go ikuela ka sone go itsa go tsoga a fetotse ditshwetso tsa gagwe, mokgwa o a reng o fa badira melato sebaka sa ipagololela mogodu.
Fa a di nankola ka bongwe ka bongwe, kgosi a re dikgang tsa bogodu jwa leruo go le gantsi di tshololwa fa mongongoregi a solofeditswe go duela go menagane go se se tserweng ka bogodu gore kgang e tswe puso ka diphatlha tsa menwana.
Mo go tsa dititeo tse gantsi di diragalang kwa go itshielwang teng, a re bobedi jwa mongongoregi le mmelaelwa ba buisana go itshwarelana mme go na dituelo dingwe tse di dirilweng gore kgang e emisiwe kwa lekgotleng.
“Dikgang tsa baratini tse di tlang mo go rona di felela nyelela gongwe mongongoregi a itatola mafoko a a a dirisitseng fa a ikuela kgatlhanong le mokapelo wa gagwe fa go setse go le monate magareng ga bone.
Go ikuela o sa wela makgwafo o sa ikakanya sentle go borai ka gore gongwe go ka bakela mmelaelwa melato e e sa mo lebaganang,” Kgosi a gakolola.
Go tshololwa ga ditsheko go sena mabaka a a nonofileng go tshwanetse ga tsewa e le tshenyo e motho a tshwanetseng go e arabela a bo a lefisiwa go itsa batho go pega dikgang tse di lolea e bile gongwe tse dingwe go patelediwa batho ka gongwe moikuedi o a bo a kukegile maikutlo ka nakwana eo.
O gakolotse setshaba go itse fa go raya go le go ntsi mo badirela pusong go tsaya nako ya puso le ditlamelo tsa yone go ba fa thuso e ba e tlhokang, ka jalo ba seka ba tsaya dithuso tseo motlhofo ka e le ditshenyegelo tse dintsi mo letloleng la puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kealogile Diloro
Location : MAOKATUMO
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 15 Oct 2018




