Breaking News

Bakgatla ba ga Mmanaana ba ipelela ngwao

15 Oct 2018

Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Thamaga ba ne ba tshwere moletlo wa ngwao ya Sekgatla bosheng.

Moletlo oo, o simolotse go ketekwa ka 2011 maikaelelo e le go rotloetsa tshwaragano le tirisano mmogo ya morafe.

E rile a tlhalosa ngwao ya Sekgatla Kgosi Segale Gobuamang o tlhalositse gore moletlo o ka tlwaelo o nna ka kgwedi ya tlhakole ngwaga le ngwaga ka letsatsi la bo lesome le botlhano. 

A re tiro eo e simolola ka go bolotsa letsholo .

O boletse gape gore ka nako eo, mephato ya bone e e ka tshwarang masome a mabedi e a bolodiwa mme e tsamaele lentsweng la Sanyane kwa bophirima ka go dumelwa fa pula e e ba nelang e tswa koo. 

Kgosi a re fa ba tsena koo, ba kopa pula ba bo ba bolotsa letsema.

O kaile fa mophato wa ntlha wa motse oo ebong wa Majakgomo o tlhomilwe 1858 mme a supa fa monongwaga ba tshwaile mephato e le metlhano ya masogwana a dingwaga tse di tswang mo go lesome le botlhano go tsena dingwaga tse di masome mararo le bosupa.

O tlhalositse gore lebaka la go tshwaya mephato ke go tsweledisa ngwao ka go bonala gore banana ga ba atle ditiro tse ka mo go eletsegang.  Ka jalo a re go keteka moletlo o ke go netefatsa gore ngwao ya bone ga e nyelele.

Rre Neo Moroka yo e neng e le ene sebui sa tlotla o gateletse botlhokwa jwa ngwao a supa gore Batswana ba tsaya dingwao tsa merafe e mengwe.

Ka jalo o kgothaditse morafe wa Thamaga gore ba itshekatsheke go bona gore tota tsela e ne ya fapogwa fa kae mme kwa bofelong ba ikage ka more mogolo go betlwa wa taola.

Rre Moroka o gateletse botlhokwa jwa go gakologelwa ngwao le go e tlotla ka a re ke yone tsela e merafe e ka ikagang ka yone. 

O tlhalositse gape gore ngwao e nyelediwa ke go tlhoka go tlotla bogosi mme a gatelela fa bogosi e le jone pinagare ya ngwao, botshelo le serodumo sa  tshaba ya Batswana.

Fa a lekodisa kokoano e e neng e tshelegetse moletlo oo, modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa moletlo Rre Julius Koboyakgomo a re mo dingwageng tse ba ntseng ba tshegeditse moletlo o, ba ne ba ipela ka fa tlase ga ditlhogo tse di mmalwanyana di akaretsa; Ngwao Boswa, Ngwao Thuto le Ngwao Sesigo. 

Monongwaga  moletlo o ne o ketikwa ka fa tlase ga setlhogo sa Ngwao Kitso.

A re ditlhogo tse ke go leka go rutuntsha bana gore ngwao go tewa eng le gone gore ba na le boikarabelo jwa go e somarela.

Mongwe wa balalediwa ba tlotla ebong kgosi Bothata Botsheleng  go tswa Khuis o kaile fa go na le Bakgatla kwa Kgalagadi bogolo jang kwa Maralane, Khuis le Gakhibana. 

Ka jalo o kaile botlhokwa jwa go laletsa le gone go atlolosa moletlo o  kwa dikgaolong tse dingwe gore Bakgatla ba bangwe ba itse  kwa ba tlholegang teng.

Moletlo oo, o ne o tshologetswe ke Kgosi Kgari Sechele III ga mmogo le magosi go tswa Manyana Moshupa le mafelo a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : THAMAGA

Event : Moletlo

Date : 15 Oct 2018