Malwetse a matlho a tshwenya baithuti
15 Oct 2018
Baithuti ba feta makgolo a mararo kwa sekoleng se segolwane sa Molefi ba amilwe ke malwetse a matlho a a bakang bofofu.
Ngaka ya matlho Rre Seabelo Maje o boletse gore dipatlisiso tse ba di dirileng bosheng di supile gore baithuti ba le 200 ba na le pono e e kwa tlase jo bo bakwang ke go lebelela ditshwantsho tsa motshikhinyego lebaka le le leele le go dirisa megala ya letheka thata.
A re bana bangwe ba bonela kgakala (hyperlopic) fa bangwe ba tshwenngwa ke go opa ga ditshika tsa matlho.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela bangwe ba baithuti bao digalase tsa matlho le dithobane kwa sekoleng sa Molefi ka mafelo a beke, kwa Mochudi, Rre Maje o supile gore malwetse a matlho a tshwenya thata mo baithuting.
O bile a gwetlha batsadi, barutabana le setshaba ka kakaretso go tsibogela seemo se.
“Dipatlisiso di supile gore 50 per cent ya bana ba sekole go simologa ka ba ba botlana go ya kwa go tse dikgolwane, ba lwala matlho. Mo sekoleng seno, re kgonne go tlhatlhoba bana ba feta 300 mme ra tlhopha ba le 41 ba re neng re lemoga gore seemo sa bone se maswe thata gore ba kgone go abelwa digalase ke ba mokgatlho wa YOLO Motor Cycle Club,” Rre Maje a tlhalosa.
A re mangwe a malwetse a matlho a a amileng baithuti a ka alafiwa ka tsone digalase, mangwe a ka alafiwa ka melemo fa a mangwe a ka alafiwa ka loaro. O kgothaditse baithuti go fokotsa go lebelela ditshwantsho tsa motshikinyego le go dirisa megala ya letheka thata mme ba dire metshameko ya maloba e tshwana le dibeke go itlosa bodutu.
Mo ntlheng e nngwe, Rre Maje o supile gore dipatlisisiso tsa mafatshefatshe di kaile gore bomme ba amilwe ke bolwetse jwa pono e e kwa tlase (short sightedness) mme gape le yone e ka tokafadiwa.
“Lefatshe ka bophara batho ba le 37 million ba na le bofofu, ba le 253 million ba na le pono e e kwa tlase fa ba le 217 million ba bonela kgakala. Bolwetse jwa letha bo amile 25 per cent ya batho, glaucoma e tsere 3.9 per cent fa uncorrected refractive error yone e tsere 50 per cent. Ke gwetlha setshaba go itse gore dithuso le ditlamelo tsa matlho di bonwa kae. Ke gwetlha le yone puso le ba ba ikemetseng go netefatsa gore ditlamelo tsa botsogo jwa matlho di nna teng mo Mochudi,” Rre Maje a tshwaela.
O ne a tlhalosa gore mangwe a malwetse a ka bakwa ke seemo sa loapi jaaka letsatsi, dikgobalo le tse dingwe.
O supile gore letha ke fa lesire la leitlho le amegile le bo le nna thata mme motho a bo a sa kgone go bona sentle, go le letobo.
“Glaucoma yone ke fa ditshika tsa matlho di sa kgone go ntsha le go tsenya metsi mo matlhong sentle,” Rre Maje a tlhalosa.
O ne a bua a itebagantse le setlhogwana se se reng, Pono e e Kwa Tlase Kana go Tlhoka Pono ke Kgwetlho, a re Tseyeng Kgato’ mme gape se tsamaelana le setlhogo sa letsatsi la mafatshefatshe la World Sight Day se se reng; Botsogo jwa Matlho Gongwe le Gongwe.
E rile a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa mokgatlho wa YOLO, o o dirilweng ke maloko a le 21 Rebecca Mokalanga a re maitlamo a bone ke go thusa setshaba go tlhabolola lefatshe la Botswana.
Mogokgo wa sekole sa Molefi Rre Francis Semathane o akgotse maiteko a mokgatlho wa YOLO mme a supa gore a tlaa thusa go tlhabolola thuto le maduo a a neng a wetse tlase ngogola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Karabo Molosi
Location : MOCHUDI
Event : Moletlo wa go aba digalase tsa matlho
Date : 15 Oct 2018




