Breaking News

Thuto ka ipabalelo tseleng e botlhokwa

15 Oct 2018

Ba Motor Vehicle Accident (MVA) Fund ba itshwaragantse le ba sekole sa Raserura mo Mochudi go tsibosa ka botlhokwa jwa ipabalelo tseleng.

E rile a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe kwa Mochudi bosheng, Moemedi go tswa kwa MVA, Rre Tlhabano Mmusi a re go botlhokwa go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng ka e ama mongwe le mongwe.

A re ba dirisa sekole ka ke sone lefelo la thuto.

Rre Mmusi a re fa bana ba rutwa ka ipabalelo tseleng ba santse ba le babotlana, ba kgona go gola ka kitso le thuto, e bile ba ka kgona go gakolola le ba ba kwa lwapeng.

A re sekole sa Raserura se gatetse pele ka go rutuntsha bana ka ipabalelo tseleng, e bile bana ba kgonne go nna le sebaka sa go gasa molaetsa ka go bua le bakgweetsi gore ba ipabalele.

Rre Mmusi a re ga ba a leba dikole fela, ba lebile le banana ba ba sa berekeng, go ba tswa letsholo ka go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng.

A re dikotsi tsa tsela di a tshwenya ka di gapa matshelo a batho, mme di tlogele batho ka kutlobotlhoko le ka khutsafalo.

Rre Mmusi o ne a tlhalosa gape gore dikotsi di ama malwapa, ka di gapa matshelo a batho ba ba tsisang dijo mo lapeng mme se se bake gore ba tshelele mo dikolotong.

O ne a rotloetsa ba sekole sa Raserura go tswelela ka tiro e ntle ya go rutuntsha bana ka tsa ipabalelo tseleng.

A re go dira jaana go supa fa e le sekao mo setshabeng, e bile a solofela fa dikole tse dingwe di tlaa tsaya malebela mo go bone gore ba boloke matshelo a batho.

E rile a bua moono wa letsatsi, Mme Zipporah Ruele a re sekole sa bone se amegile thata mo dikotsing tsa dikoloi ka bana bangwe ba gapetswe matshelo ke dikotsi tsa tsela.

Mme Ruele a re se se  ne sa dira gore ba thulanye ditlhogo e le sekole, mme ba dira mokgatlho o mo go one ba rutang le go tsibosa bana ba sekole le setshaba ka ipabalelo tseleng.

A re mokgatlho o, maikaelelo a one ke go anama le motse otlhe go ruta baithuti ba dikole tse dingwe ka ipabalelo tseleng.

O ne a tlhalosa fa ba sa remelela fela mo baithuting, mme gape ba rotloetsa bakgweetsi le batsamaya ka dinao go obamela matshwao a tsela.

A re bakgweetsi ba seka ba kgweetsa ba bua le mogala ka ke one o bakang dikotsi, e bile a ba rotloetsa le go dirisa lebante la koloi.

Mogolwane wa mapodisi a Mochudi, Assistant Superintendent Onthusitse Keitumele a re go botlhokwa go ruta bana ka tsa ipabalelo tseleng gore ba gole ba na le kitso le thuto e e tseneletseng.

A re dikotsi tsa dikoloi mo Mochudi le metse e e mabapi di a tshwenya ka di gapa matshelo a batho e bile di senya dithoto.

Supt Keitumele a re mono ngwaga ba kwadisitse dintsho di fera bongwe mabapi le dikotsi tsa dikoloi, fa ka 2017, batho ba supa ba latlhegetswe ke matshelo ka ntata ya dikotsi.  

A re se se a tshwenya ka se tsisa kutlobotlhoko mo malwapeng le mo setshabeng se se latlhegetsweng.

O ne antlhalosa fa dikotsi dingwe di bakwa ke ka fa bakgweetsi le batsamaya ka dinao ba itshwarang ka teng.

Ast Supt Keitumele a re bakgweetsi le batsamaya ka dinao ba tshwanetse go fetola boitshwaro jwa bone fa ba dirisa ditsela, go ba balela matshelo a bone.

A re bakgweetsi ba seka ba tsaya mesepele e meleele ba na le letsapa ka le ka dira gore go nne le dikotsi mo tseleng.

Mme Edith Pilane, yo o neng a tseneletse thuto-puisanyo e, o lebogetse maiteko a MVA le ba Raserura ka thuto ya ipabalelo tseleng ka e le botlhokwa.

A re setshaba se tshwanetse sa tsibosiwa ka ipabalelo tseleng ka e ama mongwe le mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebo Rakanyane

Location : MOCHUDI

Event : Thuto Puisanyo

Date : 15 Oct 2018