Breaking News

Chimhandamba o bona maduo

15 Oct 2018

E re ntswa dikgwebo tsa banana di tshabelelwa ke go phutlhama, Mme Kgomotsego Chimhandamba ene o kgonne go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go nna mmadikgwebo le ntswa dikgwetlho di ne di mo farafarile.

Mme Chimhandamba, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, wa Palapye, o ne a eleditse go nna mooki fa a gola, ka maswabi ntateng ya bolwetse a retelelwa ke go kwala ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano kwa Lotsane.

O ne a seka a ineela mo botshelong, ka jaana gompieno e le mogwebi wa popota, a roka dithoto di akaretsa diaparo, diphate, mealo ya malao gammogo le ditilo tsa matobetobe.

Mo potsolosong le BOPA, Mme Chimhandamba yo o direlang kwa Lerala mo kgaolong ya Tswapong, a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka P70 ka 2009, mme ka lebaka la boineelo le bopelotelele, a kgona go fitlha fa a leng teng gompieno.

“E rile go lemoga gore toro ya me ya go nna mooki e padile, ka inaakanya le tiro ya diatla ya go roka, ke rotloediwa ke mme, yo le ene a neng a rata go roka mme a go dira e le tiro ya nakwana.
Jaanong ka ke ne ke batla go itshetsa ka tiro eo, ke ne ka ya sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla sa Royal mo Palapye ka 2004 go fitlha ka 2005.

“Ke ne ka ithuta methale yotlhe ya go roka mme ka felela ke thapiwa ke ba Golden Path Creations mo Palapye, kwa ke berekileng teng lebaka la ngwaga fela, mme ka tlogela ka mabaka a keletso ya go itshimololela kgwebo ya me,” ga tlhalosa Mme Chimhandamba.

Monana yo o ititeileng sehuba yo o supa fa a ne a fudugela kwa Lerala, kwa go neng go direla monna wa gagwe, mme a dira ditiro tsa nakwana ka lebakanyana, a tla a ithaopa mme tiro ya bofelo ya mo duela P70 yo a neng a mo dirisa go reka ditlhale di le lesome le sekere, a bo a adima motshine o o rokang kwa go mmagwe go ka itshimololela kgwebo.

A re ka thata ya Modimo ditebego tsa dithoto tse a di dirileng tsa mmapatsa, mme kgwebo ya simolola go tokafala go fitlhelela a kgona go ithekela metshine e metona le tsotlhe tse di tlhokafalang go dira kgwebo ya thoko.

Ka nako eno, Mme Chimhandamba o direla kgwebo mo ntlong ya gagwe, mme a supa fa gompieno a setse a kgonne go reka setsha sa kgwebo ka dipoelo, e bile a agile gone kwa Lerala, gammogo le go reka lefatshe le le tona le a reng o eletsa go aga mmolo teng, o o tlaa akaretsang marekisetso a leokwane.

A re kgwebo e e kwadisitsweng ka maina a Ramisto Manufacturing, e simolotse go thapa badiri ka 2014, fa tiro e ntse e oketsega, mme jaanong o na le ba le bane.

“Le fa ke ise ke adime madi ape go ka thusa kgwebo ya me, ke itumelela gore letseno le teng ka jaana ke kgonne go bula marekisetso a dithoto tsa ntlo le fa ke roka ditilo tsa matobetobe fela, mme dithoto tse dingwe ke di reka kwa Afrika Borwa,” ga rialo Mme Chimhandamba.

O supile fa a na le keletso ya go adima madi mo pusong, go atolosa madirelo a gagwe bogolo jang go ka aga mmolo.

Jaaka dikgwebo tsotlhe, Ramisto Manufacturing e raletse dikgwetlho di akaretsa letlhoko la badiri ba ba nang le dikitso tse di tseneletseng.

O tlhalosa gore fa a seyo mo madirelong, tiro e a ema ka jaana ba tlhoka go thusiwa.

A re kgwetlho e nngwe ke gore batho ba sa ntse ba ganelela go reka kwa ditoropong, le fa batho ba motse le ba ba tswang kwa Afrika Borwa ba mo rotloetsa.

A re bontsi jwa bareki ba gagwe ke bana ba dikole le ba manyalo.

Mme Chimhandamba o supile fa a reka didirisiwa kgakala kwa Afrika Borwa.

Fa a gakolola banana, a re ba tshwanetse ba itse gore khumo ga e tle gone foo, mme e tlhoka bopelotelele.

A re le mo bogompienong, o ikamogedisa madi a a kwa tlase ga babereki ba gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 15 Oct 2018