Breaking News

Saleshando o kopa Batswana go ikwadisetsa ditlhopho

15 Oct 2018

Balatedi ba diphathi tse di ikopantseng tsa kganetso tsa Umbrella for Democratic Change (UDC) le Batswana ka kakaretso ba kopilwe go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang ngwaga o o tlang.

Kopo e, e ntshitswe ke mothusa moeteledipele wa UDC yo gape e leng moeteledipele wa Botswana Congress Party, Rre Dumelang Saleshando mo phuthegong ya phatlalatsa kwa Palapye bosheng.

Rre Saleshando a re UDC e ka tlisa tharabololo mo dikgwetlhong tse di aparetseng lefatshe jaaka letlhoko la ditiro le kwelo tlase ya maduo a dikole.

A re UDC e kopa dingwaga tse tlhano fela go tloga ngwaga o o tlang go kaela Batswana tse e ka di dirang.

Rre Saleshando a re UDC e ka tlhabolola matshelo a Batswana.

A re o dumela gore Batswana ba tshwanetse go akola itsholelo le go tsaya taolo ya lefatshe la bone.

A re mo bogompienong, Batswana ba mo lehumeng ka batswakwa e le bone ba akolang ditiro tsa dikago tse ditona tsa puso mme ebile bangwe ba batswakwa e le bo ne ba ba eteletseng dikgwebo tse dikgolwane tse di laolang itsholelo ya lefatshe.

“Re ikuela mo go lona gore lefatshe la rona le a lwala, re seka ra itibisa go sele ka gore re a itse gore molemo wa malwetsi a a re tlhasetseng ke tlhopho ya gago. Ikwadisetse ditlhopho ka gore go na le dipotso tse o ka di arabang ka tlhopho ya gago,” Rre Saleshando a supa.

Rre Saleshando a re ke nnete gore UDC mo bogompieno e na le mathata mme a solofetsa Batswana gore ba ya go tsena mo ditlhophong ba rarabolotse mathata a a ba emeng pele.

A re bangwe ba re moeteledipele wa UDC, Rre Duma Boko o palelwa ke mathata a UDC, a kaya fa seo e se boammaruri mme ebile go sena mathata a a ka palelang boeteledipele jwa UDC.

“Ditalama tsa kganetso re ya kwa go 2019 di tlaa bo di palame mo ke senang pelaelo ya gore di ya go feta tsa BDP,” Rre Saleshando a tlhalosa.

Fa a tswa la gagwe, Rre Onneetse Ramogapi yo a tlaa bong a emetse Palapye mo ditlhophong tsa bopalamente a re ba tshwere tebelopele ya Palapye e e leng go tokafatsa botshelo jwa motho.

A re ene le makhanselara a UDC ba ya go tsena mo ditlhophong tsa 2019 ka setlhogo se se reng, Palapye a re Chencheng, a kaya fa maikaelelo magolo e le go fetola le go lwantsha dikgwetlho tse di apereng Palapye.

O kopile Batswana go ikwadisetsa ditlhopho le go tlhopha UDC.

A re e tlaa rarabolola dikgwetlho tsa Palapye tse a supileng fa di akaretsa letlhoko la ditiro, kwelotlase ya maduo a dikole, seemo sa ditsela, tshenyetso setshaba, seemo sa babereki, dikgwetlho tse di apereng BIUST le dikgang tse di amang kabo ya lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : Phuthego

Date : 15 Oct 2018