Breaking News

Setlhare sa motlopi se na le mosola mo Batswaneng

15 Oct 2018

Go tswa bogologolo, batsalwa pele ba ne ba itshetsa ka maungo a naga, a ditlhare tse di farologanyeng le nama ya diphologolo, ka go ne go sena se ba ka itshetsang ka sone le go nwa metsi a megobe.

Gareng ga ditlhare tse, go na le sa motlopi, se sone se jewang kwa tlase le kwa godimo ka maungo le go dira kofi ka modi wa sone.

Mongwe wa bagolo mo Tsabong, mo Kgalagadi Borwa mo potsolotsong le BOPA, Rre Immanuel Sephiri wa dingwaga tse di masome matlhano le bone, o tlhalositse fa batsadi bogologolo ba ne ba ba tshidisa ka maungo a ditlhare tsa naga jaaka motlopi.

Rre Sephiri o ne a tlhalosa fa gape ba ne ba tshela ka boroku jwa mongana le jwa mogonono.

A re jwa mokala le mokha ba ne ba idiwa go bo ja ka batsadi ba ne ba dumela gore fa motho a bo jele bo thiba ditsebe, mme a felele a latlhegelwa ke kutlo.

O ne a supa fa setlhare sa motlopi se tswa kgakala Batswana ba itshetsa ka sone,  a tlatsa ka go re maloba jale go ne go sena mabentlele, ka jalo motlopi e ne e le one o go dirwang kofi ka one le go o ja maungo a a kaileng a le botshe e bile a kgona go dira senotsididi.

Rre Sephiri a re maungo ao, a ne a bapalelwa mo makapaneng mme e re morago go bo go dirisiwa lefetlho la logong go huduwa gore dithotse tsa teng di itlhotlhe, mme go sale matute go bo go dirwa senotsididi se se monate.

A re bagologolo bomme ba ne ba tswa lotsholo go ya go bapala motlopi, mme se se kgatlhang ke gore fa ba tsena teng kwa sekgweng, ba utlwa tatso ya dithito tsa motlopi pele, pele ga ba ka o bapala, ka go na le o o botshe le o o botlhoko.

Rre Sephiri o boletse gore go epa setlhare seo ga go motlhofo, ka go dirisiwa garawe le selepe gore o kgone go ntsha modi ka matsetseleko.

A re ba ne ba laolwa fela ke gore thito e bokima jo bo kae le gore ba batla selekanyo se se kae.

Mongwe wa bagodi ba motse, Rre James Mankgwedi yo o dingwaga tse di masome a supa le bone, o ne a bolela fa ka nako ya bone, go ne go sena le fa e le fa o neng o ka reka kofi teng, ka e ne e rekwa fela kwa Afrika Borwa.

A re kofi ya motlopi e ne e le yone e nowang fela.

Rre Mankgwedi o ne a kaya fa kofi eo gape e ne e nowa e le molemo go tlhatswa mo teng ga mmele.

A re e ne e nowa thata ke banyana fa ba le mo setswalong.

A re e nowa e le ntsho e sena mashi gape modi wa setlhare sa motlopi ntleng le go dira kofi, se ne se jewa, mme e re morago fa go sena go setlhwa go dirwe bopi.

A re mo ditlhareng tsotlhe tse di mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, ba tlotla motlopi ka o na le mosola mo matshelong a bone go tswa bogologolong le mo nakong ya gompieno, ka bangwe ba itshetsa ka go rekisa kofi ya one.

O supile fa gape setlhare seo, banni ba Kgalagadi ba se dirisetsa moriti ka se na le matlhare a a kitlaneng.

Rre Mankgwedi o tlhalosa fa setlhare seo se sa orwe, ka go dumelwa gore fa o gotsitse molelo ka sone, loruo lwa gago lo tlaa tsala botonanyana.

O kaile fa tota a sa itse boammaaruri jwa kgang eo le fa batho ba le bantsi ba dumela jalo, ka gore le fa bana ba rongwa go ya go rwalela, ba laelwa gore ba seka ba rwalela motlopi gotlhelele.

Rre Mankgwedi o ne a gakolola Batswana ka kakaretso go somarela ditlhare tsa naga ka go emisa go di rema ka di ka felela di nyelela, mme dikokomane tse di tlang di seke di itse mosola wa tsone, bogolo jang tse di botlhokwa jaaka motlopi, mogonono, mongana, mokha, mokala, mokgalo, moretlwa le motsotsojane, tse gantsi di bonwang mo Kgalagadi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 15 Oct 2018