Twantsho borukutlhi e tlhoka botlhale
15 Oct 2018
Setshaba se kopilwe go batla botlhale jwa Modimo gore se kgone go nna le ponelopele le tswelelopele.
Fa a bua kwa mogwantong kgatlhanong le borukutlhi kwa Mochudi bosheng, moeteledipele wa Global Transformation and Networks Rre Taolo Moshaga o tlhalositse fa dilo tsotlhe di ka kgonwa ka botlhale jwa Modimo, ka bo senola le masaitsiweng a lefatshe, gape bo rotloetsa tirisano mmogo.
A re go tshelela Modimo ke selo sa botlhokwa, se se tshwanetseng sa tsewa ka tlhoafalo ka se fetola dikakanyo le tlhaloganyo ya motho.
Rre Moshaga a re Batswana ba tshwanetse go boela kwa dikgatong tsa batsadi ba bogologolo, ka tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng.
A re tlhokomelo ya bana e tshwanetse go tswa mo go mmangwana le rangwana, mme ba kope thuso mo bagolong fa ngwana a fapoga.
O tlhalositse fa borukutlhi bo ka fokotsega fa Batswana ba ka itse gore mofufutso wa phatla ke boleng mme ba emisa go kala ditiro.
A re tiro e tshwanetse ya kgothatsa motho go boloka madi gore a tle a kgone a dire se a se eletsang.
Rre Moshaga o rotloeditse setshaba go nna baagi ba morafe ka gore seo se ka dira gore ba nne le ponelopele e e ka tsisang tharabololo mo lefatsheng ka bophara.
O rotloeditse komiti ya thibelo borukutlhi ya Makakatlela go tswelela ka tiro eo, ka e supa fa ba na le se ba se eletsang ka motse wa bone, mme a eletsa fa metse e mengwe e ka tsaya malebela mo go yone go tlhabolola dikgotla tsa yone.
A re se se botlhokwa ke go tlotla baeteledipele le go ba rerisa ka dithulaganyo tsa motse tse di ka tsisang tharabololo ya borukutlhi le maitsholo a a sa amogelesegeng.
Fa a tswa la gagwe, Motshwarelela kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a re o lebogela tshwaragano e komiti ya Makakatlela e nang le yone, ka e le yone e ba direlang dilo motlhofo mo motseng.
A re kgwetlho e kgolo ke banana ba ba eteletseng pele mo go tsa botlhoka tsebe mme e bile ba sa kgalemelesege.
“Go maleba gore go tshwaraganwe le puso go fokotsa borukutlhi ka go lemosegile fa e ka seke e kgone e le nosi, mme e tlhoka thuso ya rona re le morafe,” ga bua Kgosi Sekai.
O ne gape a kopa botsadi go emisa go rotloetsa borukutlhi, ka go fitlha bana ba bone le dilwana tsa bogodu mo malwapeng.
A re go loba ditiro tsa go nna jalo ke thotloetso borukutlhi, ka ngwana a felela a itse fa batsadi ba mmipa.
Modulasetilo wa Khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong a re tlhabololo e tona ke thuto le tshidilo tlhaloganyo, ka e le tsone di dirang gore motho a nne le dikakanyo tse di molemo.
A re setshaba se tshwanetse go itse gore borukutlhi bo busetsa ditlhabololo kwa morago.
A re madi a a kabong a dira ditlhabololo tse disha a a tsewa go baakanya tse di sentsweng kana di utsulwe.
Rre Morolong o rotloeditse setshaba go nonotsha lelwapa ka e le maikarabelo a botsadi go kgalemela bana le go ba tshegetsa mo go se ba se dirang, gore ba seka ba felela ba batla lerato go sele mme ba amege mo go tsa borukutlhi.
A re go tshwanetse ga buiwa thata ka borukutlhi kwa metshamekong ya Tshipi ya borre le mo maitisong, gore ba ba amegang ba itse fa se ba se dirang se sa siamela matshelo a bone, mme gape ba kgone go bona thuso.
Moeteledipele wa komiti ya borukutlhi, Rre Michael Moji o lebogetse baeteledipele le morafe ka kakaretso go bo ba tsile go itseela ka tsebe molaetsa wa letsatsi gore ba tle ba rute ba bangwe.
O ne a lebogela thotloetso e ba e boneng mo baeteledipeleng ba motse, ngwaga tse tharo tse mokgatlho o ntseng o dira moletlo o, mme ba solofela fa tirisano mmogo eo e tlaa tswelela le mo dingwageng tse di tlang.
O tlhalositse fa maikaelelo magolo a mokgatlho e le go rotloetsa twantsho borukutlhi mo morafeng ka go ba rotloetsa go begela mapodisi ka batho ba ba dirang borukutlhi mo motseng le go ba ruta gore go fitlha borukutlhi ke borukutlhi.
A re batsadi ba tshwanetse ba ema ka dinao mmogo le bana ba begela sepodisi le bogosi ka tse di diragalang mo motseng ba sa boife sepe.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ithuteng, Rre Moses Mariri o lebogile ba komiti ya Makakatlela go bo ba mo thusitse mo go ageng sekole sa gagwe le motse wa bone.
A re se se botlhokwa ke go ruta bana ba ba kwa dikoleng tse di potlana ka borukutlhi, ka e le bone bokamoso mme ba tshwanelwa ke go ikgapha.
“Lore lo ojwa lo sale metsi.
Bana ba dikole tse dipotlana ba na le kgatlego mme ga ba ke ba akarediwa mo dithutong tse.”
Rre Moshaga o ne a abela Kgosi Sekai seetsele sa tirisanyo mmogo, mme a se kaya e le sa Bakgatla go tswelela ka tiro e ntle eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : MOCHUDI
Event : Mogwanto
Date : 15 Oct 2018




