Breaking News

Thekiso ya mo mekgwatheng e tshetsa bangwe

14 Oct 2018

Go rekisa mo mekgwatheng go tlhamela Batswana bangwe ditiro le go tokafatsa matshelo a bone.

Fela jaaka mo mafelong a mangwe, kwa Tsabong barekisi ba mo mekgwatheng ba fitlhelwa fa pele ga dikolo, sepatela, mabenkele le fa maemelong a di palamo.

Go rekisa mo mekgwatheng go thusa bangwe go dira lemmenyana le ka lone ba ka tshidisang malwapa a bone.

Mo potsolosong le barekisi bao bosheng, go senogile fa ba simolotse tiro eo ka gore ba ne ba na le dikgwetlho tsa botshelo tsa letlhoko la ditiro, mme ba tswa ka moono wa go rekisa mo mekgwatheng.

Ba supile fa ba kgonne go dira letseno le ka lone ba kgonneng go tlhokomela ba malwapa a bone le gone go ipolokela madi a dipoelo tse ba di bonang morago ga thekiso.

Barekisi bao, ba bontsi jwa bone eleng banana, ba re nako tse dingwe fa motho a nna fela a sa dire sepe, o kgona go raelesega go dira dilo tse di duleng mo tseleng jaaka tsa borukutlhi.

Ba boletse fa bangwe ba bone ba tswa kgakala ba ntse ba rekisa, mme mo nakong ya gompieno bagwebi ba setse ba le bantsi fa go tshwantshanngwa le ngwaga wa 2011 le 2012.

Gape ba supile fa ka nako eo dikonteraka di ne di le dintsi, ka jalo ba ne ba dira dipoelo tse di nametsang.

Ba supile gape fa seemo sa bosa se kgona go ba kgoreletsa go tsweledisa kgwebo ya bone, ka ba rekisetsa mo metlaaganeng e e seng ya sennela ruri.

Ba re dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke batho bangwe ba ba kgonang go kolota ba bo ba sa duele ka nako, mme ba supa fa se, se ba busetsa kwa morago ka ba felela ba palelwa ke go ya go reka dilwana tse ba ditlhokang mo dikgwebong tsa bone.

Fela jaaka dikgwebo tse dingwe, barekisi ba mo mekgwatheng ba re nako tse dingwe theko e kgona go nna kwa tlase fa nako tse dingwe e le kwa godimo, ba supa fa mogwebi a tshwanetse go nna pelotelele mo kgwebong ya gagwe gore kwa bofelong a kgone go bona dipoelo tse di nametsang.

Rre Tshepo Ketlogetse wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano, a re o simolotse go nna morekisi ka 2012, morago ga go fetsa mophato wa botlhano.

A re dithoto tse a di rekisang di akaretsa ditlhako, marokgwe, dikepese le tse dingwe.

Rre Ketlogetse a re o na le lebaka le leleele a ntse a dira kgwebo e, e bile o itse go oka bareki le go ba fa thuso, le go ba itumedisa.

O ne a tlatsa ka go gakolola banana ba bangwe go ema ka dinao go inaakanya le mananeo a puso a a ka ba kgontshang go fitlhelela ditoro tsa bone.

O supile fa bopelotelele le lorato mo kgwebong go busetsa kwa bofelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Kewagamang

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 14 Oct 2018