Breaking News

Bomme ba rotloediwa go tsaya karolo mo ditlhophong

14 Oct 2018

Bomme kwa Lerala ba rotloeditswe go lemoga botlhokwa jwa ditlhopho le go tsaya karolo ka go nna bo ntlhopheng mo dikgaolong tsa bone.

Se se builwe ke mogolwane kwa lekgotleng le le tsamaisang ya ditlhopho la IEC kwa Palapye, Rre Oaitse Thipe, kwa thuto puisanong e e neng e tsenwe ke bomme go tswa mo diphathing tsa sepolotiki le makalana a a farologaneng.

Rre Thipe o ne a lemotsha bomme fa go le botlhokwa go itse go le gontsi ka tsamaiso le molao motheo, o o netefatsang tsamaiso e e lolameng ya ditlhopho.

Rre Thipe o boletse fa tlhopo e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe, e aga isago ya lefelo le motho a nnang mo go lone, mme ka go rialo a rotloetsa bomme go ikwadisetsa ditlhopho.

A re tlhopho ke yone tsele ya go betla bokamoso.

Mongwe wa bomme yo o sa tswang go emela ditlhopho tsa bokhanselara kwa kgaolong ya Lerala, Mme Tshoganetso Morake o boletse mo potsolosong fa e ne e le lantlha a emela ditlhopho, mme le ntswa a ne a seka a fenya o boletse fa se sa sa mo kgoba marapo.

Mme Morake o boletse fa bomme e le thari ya setshaba, a tlhalosa fa bangwe ba godisa bana ba le nosi go nna bagaka ba lefatshe leno, mme se a re ke sone se seneng sa mo gwetllha gore le ene e le mme o ka etelela kgaolo ya gagwe.

O boletse fa gangwe le gape bontsi jwa bomme, ba tshelela mo kgatelelong ya borre le ntswa go na le mananeo a nyeletso lehuma.

O ne a nankola baeteledipele ba bomme ba tshwana le tona wa tsa mesepele le bong, Mme Dorcas Makgato le Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, a re ba mo tiisa mooko gore le ene a itse fa a ka kgona.

Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, yo e leng mongwe wa bomme ba ba nang le dingwaga mo go tsa sepolotiki, o boletse fa a simolotse go tlhopha ka ngwaga wa 1976 a le ngwaga tse dilesome le boroba bobedi.

Mme Lesole o ne a tlhalosa gore ke ka moo a neng a simolola go nna le kgatlhego mo go tsa sepolotiki, go fitlhela a emela ditlhopho tsa bokhanselara kwa kgaolong ya Boteti.

A re ntswa a ne a nna a fenngwa, mowa wa boitlhobogo o ne o seyo mo go ene, ka ane a ikiteile sehuba gore ka lengwe la malatsi o tla fitlhelela kwa a goyang.

Mokhanselara Lesole o tlhalositse gore e rile ka ngwaga wa 2009, a nna mokhanselara yo o itlhophetsweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : LERALA

Event : Thuto Puisanyo

Date : 14 Oct 2018