Breaking News

Letsholo la Kgomo Khumo le goroga kwa Kweneng

14 Oct 2018

Mapodisi a simolodisitse semmuso letsholo la bobedi la Kgomo-Khumo le le itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa leruo.

E rile a rola letsholo leo kwa Lephepe kwa kgaolong ya Kweneng, mothusa ramapodisi, Mme Dinah Marathe, a tlhalosa fa  mapodisi a eme sentle go araba selelo sa Batswana ka go lwantsha dikgang tsa bogodu jwa leruo.

A re ba simoloditse thulaganyo ya kgomo-khumo ka maikaelelo a go lere tsholofelo mo Batswaneng, ka go phunyeletsa mafelo otlhe a e ntseng e le sekgopi, mo dikgang tsa bogodu jwa leruo.

O solofeditse morafe o o neng o tshologetse tiro eo gore ba ya go dira ka gotlhe mo banang nago go phirimisa ditoro tsa bangwe ba ba ikgethetseng go huma ka mefufutso ya diphatla tsa ba bangwe.

A re letsholo leo le ntsheditswe ditsompelo di akaretsa sefofane sa tlhoo- tomo, dikoloi, dipitse, le palo ya mapodisi a ka tshwarang lekgolo.

A re go dirwa jalo ka maikaelelo a go itepatepanya le go lwantshwa seemo se se sa robatseng barui.

“Re kopa kemo nokeng ya lona gore re kgone go fitlhelela maikaelelo a rona, ka jaana go nna teng ga di dirisiwa ga go kake ga re thusa go ntsha maduo, fa lona lo le morafe le tsweletse ka go ikgogela morago, ka dikgang tsa go re ga le batle go ikgolega,” ga gakolola jalo mothusa rampodisi.

Go ya ka tlhaloso ya ga Mme Marathe, thulaganyo eo e simolodisitswe la ntlha kwa kgaolong ya Kgalagadi ka Seetebosigo, mme ba gorogile mo kgaolong ya Kweneng, pele ba fudugela kwa kgaolong ya Tswapong.

“Re ka kgona le go fitlhelela ditoro tsa rona fela fa le re eme nokeng go thusa ka bosupi, go nonotsha dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko gore ba ba amegang ba otlhaiwe ka fa go tshwanetseng,” ga gakolola mme Marathe.

O ne a ikuela mo dikhanseleng go tsibogela thulaganyo ya go phutha matimela, a kaya fa a na le seabe se segolo mo thotloetsong ya bogodu jwa leruo, ka jaana go ntsha bangwe pelo fa kgomo e sa tshwaiwa.

A re tiro e, e tla a bo e eteletswe pele ke mogolwane wa mapodisi wa maemo a Senior Superintendent. A tlatsa ka gore letsholo leo, le tla akaretsa bontlhabongwe jwa kgaolo ya Kgatleng le Ga-Mmangwato.

Go kailwe fa go tlhomilwe dikampa tse tlhano tse ditlaabong di lomaganya tiro eo, kwa metseng ya Dutlwe, Khudumelapye le Medie kwa kgaolong ya Kweneng. Kwa kgaolong ya legare kampa e tlaa bo e le kwa Kodibeleng fa kwa kgatleng ba tlaabo ba bereka go tswa kwa Kgomodiatshaba.

Modulasetilo wa lekgotla la barui la Tshephe, Rre Loftus Ndzinge, a re maiteko a sepodisi a tshwanetse go lebogwa, mme o dumela gore go nna loleya fa dikotlhao tsone di sa oketsege.

Rre Ndzinge o kopile gore tsheka-tsheko ya dikotlhao tsa bogodu jwa leruo e tsibogelwe ka jaana, go ka thusa go fokotsa seemo se mo go sone Batswana ba setseng ba latlhegetswe ke tshepho mo go ba bosekisi, le mororo go se sepe se ba ka se dirang fa melao e santse e repile.

“A badira melao ba tsibogele go gagamatsa dikotlhao tsa dikgang tsa bogodu jwa leruo gore barui banne moko o thata, go nonotsha mohama wa thuo ka tsholofelo ya go nna le dipoelo mo go se ba itlamileng go se dira,” ga buwa jalo Rre Ndzinge.

Kgosi kgolo wa Bakwena Kgari III, o lebogetse maitlamo a go lwantsha borukutlhi jwa leruo ka thulaganyo ya Kgomo-khumo.

Kgosi o ikuetse mo Batswaneng go ema nokeng maiteko a mapodisi ka go ba fa motlhala go sala morago le go upolola ba ba utswang leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : LEPHEPE

Event : Letsholo la Kgomo Khumo

Date : 14 Oct 2018