Breaking News

Gareipele o sola dithaere molemo

14 Oct 2018

Rre Penny Gareipele, yoo tlholegang kwa Jamataka, mme a nna kwa Francistown, o itshetsa ka go dira ditilo le dipitsa tsa dithunya ka dithaere tse di dirisitsweng.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Gareipele, yoo dingwaga tse di masome mane, a tlhalosa gore o tletswe ke kakanyo ya go dirisa dithaere ka 2016, morago ga go sokola go bona tiro.

A re o ne a tsaya malebela  mo bangweng kwa Sebina, mme a bona go le botoka go lekeletsa kwa Francistown.

O tlhalositse fa a ile a simolola go phutha dithaere tse di dirisitsweng mme a dira ditilo le go di kgabisa ka pente.

A re batho ba ne ba supa kgatlhego, mme a simolola go dira ditilo tse dingwe le dipitsa tsa dithunya le go di rekisa.

Rre Gareipele a re sale gone foo ga ise a tlhole a leba kwa morago, mme a tsenya mashetla le lerato mo kgwebong ya gagwe.

Rre Gareipele a re kgwebo ya gagwe e dira sentle, ka a setse a itsiwe le kwa ntle ga Francistown.

A re o bapatsa kgwebo ya gagwe ka go tsena ditshupo tse di farologanyeng.

A re godimo ga moo, o baya dithoto tsa gagwe gaufi le tsela go bonwa ke bareki, mme ba ba rekileng le bone ba bolelela ba bangwe ka tsone mme se se thuse go mo tsisetsa bareki ba basha.

A re dikgwetlho tsa gagwe di akaretsa go tlhoka koloi e a ka e dirisang mo kgwebong ya gagwe, ka jalo a sa kgone go rekisa dithoto tsa gagwe kwa ntle ga Francistown.

A re kgwetlho e nngwe ke gobo a sena lefelo le le bulegileng go direla kgwebo ya gagwe mo go lone, a kaya fa a direla mo lwapeng.

Rre Gareipele a re toro ya gagwe ke go bona a direla mo lefelong le le bulegileng, ebile a rekile metshine e metona.

O tlhalositse fa a ka amogela thuso epe fela go tswa kwa pusong jaaka lenaneo la nyeletso lehuma, a re se se ka thusa gore kgwebo ya gagwe e gole, a gatelela gore le fa a ka seke a atlege mo go boneng thuso, se se ka seke se mo kgobe marapo ka a tlile go loma ka meno go netefatsa gore kgwebo ya gagwe  e a gola.

O gakolotse Batswana gore ba tswe ka maano a go itshetsa ka puso e ka se kgone go thusa mongwe le mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 14 Oct 2018