Breaking News

Morafe wa Hatsalatladi o itumelela neelano

11 Oct 2018

Banni ba Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng ba supile boitumelo go bo neelano ya setilo sa bogosi jwa motse oo e tsamaya ka thelelo. 

Ba buile jalo ka Labobedi jaaka Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena a ne a ba lekodisa fa nako e gorogile ya gore Kgosi Ponatshego Gabanamotse a neele mogolowe Saki Gabanamotse setilo.

Kgosi Kgari III o ne a tlhalosa gore o tlaa itsese tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae gore lebaka le le neng le dumelanwe le gorogile, mme jaanong bogosi bo tshwanetse jwa boela mong wa jone. 

Go tlhalositswe fa Kgosi Ponatshego a ne a tshwarelela Rre Saki yo e leng morutabana, morago ga gore Kgosi Setseeng Gabanamotse a tlhokafale ngwaga tse tlhano tse di fetileng. Go bile ga tlhalosiwa fa mo nakong eno, Saki a ne a tshwanetse go ya go berekela go sele, mme a tsere tshwetso ya go ya go nna kwa gae go tsaya setilo gammogo le go nna le ba lelwapa la gagwe.

Banni ba ne ba amogela mafoko ao ka tsoo-pedi, ba kaya fa seo se supa gore ba gatetse pele e le motse, ba bile ba leboga sebaka se Kgosi Ponatshego a ba busitseng ka sone, ba supa fa go ise go nne le matshwenyego ape ka nako ya gagwe. Rre Mosarwa Mopaseoka o ne a re go botlhokwa gore neelano eo e nne e ba tlaa e salang morago e le morafe.

Rre Otlaadisa Kebabone ene o ne a kopa Kgosi Kgari III gore Saki a isiwe dithutong, a ye go rutwa ka tsamiso ya bogosi, a supa fa gantsi dikgosi di bewa, mme di tlhaela kitso nngwe ka tsamaiso ya bogosi. 

A re seo gantsi se baya motse ka fa mosing. E rile fa a tsibogela kgang eo, Kgosi Kgari III  a tlhalosa fa gangwe le gape e re kgosi e bewa a bo e tsisediwa kgosi yo mongwe go tla go mo tlhatlhelela ka tsamiso ya bogosi. 

O ne a tlhalosa fa ba lephata la Tribal ba a tle ba rulaganye dithuto tse di kopanyang dikgosi tse disha go rutwa ka tiro ya bogosi le ditsamaiso tsa teng.

Fa a afa mafoko a malebo, mokhanselara wa Hatsalatladi Rre Kolana Kolana o ne a tlhalosa fa neelano eo e tsala gore tsamaiso ya motse wa bone e sogofadiwe, a kaya fa gape e supa tshwaragano fa gare ga morafe.

O bile a rotloetsa morafe le bogogi gore tsotlhe tse ba di dirang ba di dire ba beile Modimo kwa pele. A re seo se ka thusa gore motse wa bone o itsewe ka tsamaiso e e siameng. BOPA    

Source : BOPA

Author : Tshepang Segola

Location : HATSALATLADI

Event : Tekodiso

Date : 11 Oct 2018