Breaking News

Kgosi o gwetlha mekgatlho go obamela melao-metheo

11 Oct 2018

Kgosi Kebapatile Montshiwa wa Lehututu o gwetlhile mekgatlho e e mo motseng wa gagwe go obamela melao-metheo e e beilweng, a re e ka ba nonotsha go tsamaisa ka bonokopila.

O buile jalo ka Labobedi jaaka a ne a amogela ba mokgatlho wa He-Tshubago Society, fa ba ne ba abela malwapa a maloko a bone dikgetsana tsa semente di le masome a mabedi le boferabobedi morago ga gore matlo a bone a jewe ke molelo bosheng, mme ba sala ba iphotlhere.

Kgosi Montshiwa o supile fa gantsi go runya mekgatlho, mme e re go ise go ye gope, e bo e phutlhama, sebe sa phiri e le gore ga go na molao-motheo o o tsepameng o o ka ba bontshang tsela.

A re go le gantsi molao-motheo, le fa o le teng bangwe ga ba o tlotle, ka jalo selo se se tlhofofaletse maloko go gogela kobo ntlha e le nngwe.

Ka jalo, o ne tsibosa maloko gore ditshetlhana tsotlhe tsa molao di tshwanetse go obamelwa, a tlatsa ka go re ga  go na ope yo o kwa godimo ga molao.

Kgosi Montshiwa a re molao- motheo o a letla gore yo o tlolang molao a tseelwe dikgato tse di maleba.

A re seo se ka tsisa seriti mo mokgatlhong.

A re dikgang di tshwana le tiriso botlhaswa ya madi, go lwela maemo le go nna makgamu, ke dingwe tse di  kgoreletsang tsamaiso ya mekgatlho.

O ne a ba rotloetsa go thapa badupi ba dibuka le gone go netefatsa gore ba isa pego ya teng kwa go ba lekgotla le le itebagantseng le mekgatlho e e kwadisitsweng ka fa molang go itsa go kgaolwa mo bolokong.

Mo go tse dingwe, kgosi o ne a ba rotloletsa go tla ka methale mengwe ya go ka ikgobokanyetsa madi, go na le go ntsha mo dikgetsing tsa bone nako tsotlhe, gore ba tle ba kgone go tsenya lentswana mo katolosong ditirelo tsa bone tsa bopelotlhomogi.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa mokgatlho wa He-Tshubago, Mme Tebagano Lekhutlane, o ne a tlhalosa fa ba tlhamile mokgatlho o ka 2013, mme a re go le pele, ba ne ba itebagantse le go thusa ka tsa diphitlho fela.

A re ntswa go ne go le boima kwa tshimologong, ba ne ba seka ba ipona tsapa ba nna ba kgweretlhisa go fitlhelela ka 2015,ba itshetlela mme ba kgona go tsalwa sesha ka le leina ba ne ba  le fetola go tswa kwa He-Tshubago Burial Society go bidiwa He-Tshubago Society.

Mme Lekhutlane a re ba ne ba fetola le ditirelo tsa mokgatlho ka jaana jaanonong ba ne ba itebanganya le diemo tsotlhe tsa botshelo di akaretsa dibetso tsa tlholego, tlhokomelo ya ba-na-le bogole le matlhoki a mangwe. 

A  re maikaelelo magolo ke go thusa puso morwalo wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, a tlhalosa fa ba tlaa  abela batswa-setlhabelo dikgetsi di le lesome le bone tsa semente mongwe le mongwe, go ka ya go simolola go bopela mesasana.

E ne ya re go le pele, mo mafokong a gagwe a thero, Moruti Mabego Lesedi a rotloetsa maloko go nna pelotelele mo mekgatlhong go emelelana le dikgwetlho go na le go itlhaganelela go le botsa phokoje.

A re go le gantsi mekgatlho e tlolelwa diphate ke beng ba yone, ka jalo a ba rotloetsa go tshwaragana le go nna le lorato e bile ba le boikanyego go ka fitlhelela ditoro tsa mokgatlho.

Fa ba tswa la bone, batswa-setlhabelo e bong Rre Mokota Moumakwa le Mme Keolebogile Motsaatlhobolo ba ne ba leboga ba mokgatlho oo go bo ba ba tshologile mokgosi morago ga go welwa ke seru. 

Ba ne ba solofetsa fa ba tlaa tswelela ba direla mokgatlho oo, gore le bone ba tle ba bone bangwe ka bone ba thusiwa fa ba wetswe ke seru.

Fa a afa malebo, mokhanselara wa Lehututu/Maake, Mme Judith Matebu o ne a iteela mokgatlho oo legofi go bo o santse o tshwere ka thata mo go diragatseng maitlamo a one a go netefatsa gore o tlhabolola matshelo a batho ba bangwe.

O ne a bua a sa kgale mathe ka mokgwa o o atileng mo malokong, a re bangwe ba a thusiwa, mme e re morago ba ikgogele morago.

A re seo, ga se kake sa aga mokgatlho ka jaana leloko lengwe le lengwe le na le tshwanelo ya go akola dithuso. BOPA

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LEHUTUTU

Event : kabo ya dimente

Date : 11 Oct 2018