Kgosi Maruping o tshwenngwa ke nnotagi
11 Oct 2018
Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re ga a jesiwe diwelang ke tsela e banana ba motse wa gagwe ba inaakantseng le nnotagi ka yone.
E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Maruping a kaya fa banana ba inaakantse le nnotagi e bile ba sa tlhole ba laolesega mme a re seemo se se tsentse batsadi mo tsietsing mo e bileng jaanong bangwe ba tlogetse ditiro tsa bone go lwantsha kgang e.
Kgosi Maruping a re se se ngomolang pelo le go feta ke gore banana ba ba ruta bomonnaabone ba ba sa ntseng ba tsena sekole, mme a supa fa mokgwa o o baya bana bao mo diphatseng.
A re bana bangwe ba tlogetse sekole ka lebaka la boimana jo bo tsileng ka lebaka la tiriso botlhaswa ga nnotagi, fa ba bangwe ba tlogetse sekole fela.
O gateletse fa tiriso botlhaswa ga nnotagi e rotloetsa ditiro tsa botlhoka-tsebe ka e ya re morago bone banana ba, ba tlhoke kutlwisisanyo mme go nne le dintwa.
Kgosi Maruping o boletse fa selo se sengwe se se sa mo robatseng mo motseng e le medumo ya diletso mo marekisetsong a nnotagi jaaka mo malwapeng a go apewang majalwa mo go one le kwa dibareng.
Le fa go ntse jalo Kgosi Maruping o boletse fa a lebogela maiteko a puso a go ntsha Batswana mo lehumeng la nta e tshetlha.
O tlhalositse fa bodiredi jo bo lebaganeng le go isa mananeo a puso a tshwana le ba lephata la banana a dira ka natla mme sebe sa phiri e le gore banana ba motse ba boitseme.
Kgosi Maruping o supile gape fa a itumelela mapodisi ka go emela dikgang tsa botlhoka-tsebe ka dinao.
A re mapodisi ka tiriso ya baithaopi ba twantsho-borukutlhi ba nna ba le malala a laotswe go lwantsha dikgang tse.
O tlhalositse fa ba twantsho- borukutlhi ba supile bopelotelele le boineelo mo tirong ya bone ka mo nakong eno ba thusa mo go beeng leitlho bana ba mophato wa bosupa ba mo nakong eno ba nnang kwa sekoleng gore ba seka ba tlhaselwa ke dilalome bosigo.
A re mophato wa twantsho borukutlhi ga o ipone tsapa ka jaana o tlhokometse thata gore molao wa go nowa ga bojalwa o a diragadiwa mo marekisetsong otlhe a motse le dikgaolwana tsa one.
O kaile fa mophato wa twantsho -borukutlhi o isa dithuto kwa morafeng ka go buisanya le bone mo malwapeng.
O bile a kopa banana lefatshe ka bophara go fokotsa tiriso botlhaswa ya nnotagi ka alemphorwana la bojalwa le sa fofe. BOPA
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOSHAWENG
Event : potsolotso
Date : 11 Oct 2018



