Ba Malaka ba meletsa letsholo la Kgomo Khumo mathe
11 Oct 2018
Letsholo le le boloditsweng kwa kgaolong ya Borwa la Kgomo Khumo le melediwa mathe ke banni ba Malaka mo kgaolong ya Legare, morago ga go itemogela bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa mo motsing wa bone.
E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang, Kgosi Dikakanyo Otukile a tlhalosa fa bogodu jwa leruo bo ba apesitse kobo ka letshoba, mme bo dirwa ke banana ba motse.
A re banana ba, ba gantsi ba iphitisang dino, ba butse masaka a motse wa Malaka ka fa morago, ka jalo ga go na motho yo o nang le podi le fa e le nku.
A re banana ba lala ba bula masaka ba olela dihutshane mo masakeng, a supa fa ka ntlha e nngwe seo se rotloediwa gape le ke lenaneo la LIMID le le dirisiwang thata mo thekong le thekiso ya dihutshane.
A re go le gantsi batho ka dikgotla ba tshwaya letshwao le le lengwe mme seo se ba direle tiro motlhofo go ka rekisa leruo kwa ntle ga bosupi jo bo nitameng.
A re tshimolodiso ya Kgomo Khumo e lebega e efa batho ba kgaolo ya borwa boroko, ka maduo a yone a utlwala thata mo diromamoweng, mme a re fa e ka a namisiwa le lafatshe leno lotlhe gongwe le bone ba ka bona boroko le go rua di-tsa bone.
Kgosi Otukile a re leruo le tshwana le dikgomo le lone go tshwana fela, ba le tlhabela mo masakeng bosigo beng ba robetse mme ba le rekisetse ba marekisetso a dinama kwa Palapye.
A re se se tshosang ke gore botsogo jwa batho bo mo diphatseng ka ba di bolaya jalo ba sa itse fa di sa tswa go kentwa kana jang.
Fa a itebaganya le dipolao tsa banana ba kgaolo a re le tsone fela jaaka bogodu jwa leruo di ile magoletsa, dino tagi di tlhakanya banana tlhogo mo ba felelang ba bolaana ba re ba mo maratong.
A re go na le nnotagi e e bidiwang mahempe.
A re ke yone e gogang kwa tlhogong botlhakana-tlhogo jwa banana.
Kgosi Otukile a re majwala a mangwe jaaka dikhadi le a Setswana le one a nowa phetelela mo setho se sa nneng teng mo motsing.
A re Bontsi jwa banana ba ba amegang ke ba ba mo magaring ga dingwaga tse di masome mabedi go ya kwa go ba ba masome mararo.
A re go fetolwa ga dinako tsa marekisetso a majwala a sekgoa le gone go tlhotlheletsa botlhoka- tsebe.
Kgosi o ne a ikuela mo banning ba motse wa gagwe, segolo jang batsadi go thusa go supegetsa bana bodiphatsa jwa boganana gore ga bo na maduo, ka bo ka ba senyetsa bokamoso.
A re bogogi, batsad le bodiredi bo tshwanetse go tshwaraganela mathata a, ka go twe kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaganelwa gore ba godise tshaba ya ka moso e e nitameng.
A re go le gantsi botlhoka-tsebe bo tla ka manokonko a a babalelang bone batsadi le bogogi jwa motse.
O supa fa e rile bosheng ba boloka banana ba le babedi e le ka dipolaano tsa marato.
A re seo se a tshwenya e bile se ngomola pelo.
A re thuto ke yone e banana ba tshwanetseng go e tsaya tsia.
O ne gape a re go fa mosekisiwa sebaka sa go letela tsheko kwa ntle go kgoreletse bosupi e bile ene mosekisiwa o felela a tshwerwe gape ka molato o mongwe wa nogodu jwa leruo.
A re go botoka gore fa motho a tshwarwa a tshegediwe go fitlhelala tsheko e wela ga mmogo le ditlhotlhomiso, le fa a ne a supa boitemogelo jwa gore goy a go turela puso go tlhokomela batshwarwa.
Kgosi Otukile o ne gape a galaletsa lenaneo le lesha la go ba isetsa pampiri ya dikgang ya DailyNews a re le thusa banana go tsibogela tse ba kopanang le tsone mo ipapatsong; e ka tswa e le dikole, ditiro kana dikitsiso fela, mme a re ba e bona sentle letsatsi le letsatsi. BOPA
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MALAKA
Event : potsolotso
Date : 11 Oct 2018



