Breaking News

Ba Ngarange ba batla kgosi

10 Oct 2018

Banni ba Ngarange kwa kgaolong ya Okavango ba lela ka tiego ya go rolelwa kgosi morago ga gore Kgosi Tshosa Tsheko a ithole marapo.

Kgosi Tsheko o tlogetse tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2016 mme morafe wa dira maiteko ka 2017 go tlhopa Rre Moheto Nyumba  yo ba supileng fa a nonofetse go tsena mo ditlhakong tsa ga Kgosi Tsheko.

Mo posolotsong le BOPA, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Ngarange, Rre Davids Modimbura o supile fa ba kokonelwa ke go tlhoka kgosi ka jaana ba latela ditlamelo kgakala.

A re tiego ya go bewa ga kgosi e ba ba ya ka fa mosing a supa fa a eletsa gore maphata a a maleba a ka tsibogela kgang eo ka bofefo.

Le fa go ntse jalo, Rre Modimbura o kaile fa e rile ka kgwedi ya Phukwi mono ngwaga, ba  etelwa ke lekoko la magosi  ba romilwe ke Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi go utlwa ka seemo sa bogosi jwa motse wa bone.

A re mo bokopanong joo,  morafe o ne was supa fa o farologana ka megopolo mabapi le go tlhophiwa ga ga Rre Nyumba ka jalo lekoko la magosi la supa fa le tla gorosa molaetsa mme morago ba buse phetolo.

O tsweletse a re morafe o latela ditlamelo jaaka go rurufatsa meriti ya matsalo, Omang, ditsheko le tse dingwe fela jalo kwa metseng ya Sekondomboro, Xakao le Shakawe.

Rre Modimbura o boletse gape fa gompieno motse wa bone o saletse morago ka ditlhabololo  ka ntlha ya go tlhoka kgosi.

“Ditlhabololo di eme tsi! ka jaana re tlhoka bogakolodi jwa ga kgosi. Le motse wa rona o aperwe ke dikgang tsa semorafe mme re dumela gore kgosi fa a le teng o ka re kopanya ra nna seoposengwe ra dira mmogo ka thokgamo,” a tlatsa jalo.

Kgosi wa Shakawe, Kgosi Kea Lempadi o tlhalosetse fa kgang ya bogosi kwa Nkarenge e le marara ka jaana motse oo e le makgatlhanelathapong e bile seo se dira gore banni ba farologane ka megopolo.

Merafe e e fitlhelwang kwa motseng oo e akaretsa Basarwa, Bayei, Baxereko, Baxanekwe le Bambukushu.

A re bangwe ba batla Rre Nyumba a ba etelela pele, fa bangwe bone ba le supa le le fa.

Kgosi Lempadi a re le fa go ntse jalo, morafe o mo kopile gore bogolo a ba neele kgosi wa nakwana go ba kgaola maoto le gone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse.

A re le ene o ba gakolotse go kwalela Kgosi Moremi go re a sekaseke kopo ya bone  a tlhalosa fa a sa ntse a emetse mokwalo oo.

O tlhalositse fa molao wa bogosi o neela Kgosi Kealetile Moremi dithata tsa go ka tlhoma le go supa mongwe mo motseng go etelela morafe.

A re se se diragalang kwa Ngarange ga se tlholo ntsha ka jaana ba kile ba nna le kgang ya mofuta oo kwa Seronga mme kgosikgolo a dirisa dithata tsa gagwe go rarabolola kgang.

Mothusa kgosi ya Batawana, Kgosi Bringle Dithapo o supile fa seemo sa bogosi kwa Ngarange se ba fetile a supa fa ba kwaletse lephata la dikgaolo le tlhabololo go lebisisa kgang eo.

Kgosi Dithapo a re e re ka morafe o ne o sa tseye tshwetso e e maleba, ba bone go tshwanela go fetisetsa kgang kwa go tona yo o lebaneng go e rarabolola.

A re ba emetse phetolo mme fa e gorogile batla ikgata motlhala go ya go e rolela morafe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : NGARANGE

Event : Potsolotso

Date : 10 Oct 2018