Breaking News

Maiteko a go lwantsha letshololo a tsweletse

10 Oct 2018

Batswana le makalana aa farologaneng ba akgoletswe go thusa lephata la botsogo le boitekanelo mo maitekong a go lwantsha kanamo ya bolwetse jwa letshololo.

Moanamisa mafoko wa lephata la botsogo le boitekanelo mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Mme Pauline Bontle, a re bolwetse jwa letshololo bo ama thata bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga botlhano.

Mme Bontle a re morago ga go tlhagoga ga bolwetse jo, lephata le boeteledipele jwa kgaolo potlana ya Mahalapye ba ne ba tshwaragana go kopanela letsholo la go bo lwantsha ka go gasa molaetsa mo setshabeng.

A re ba ne gasa molaetsa mo makalaneng otlhe a a dirang le bana jaaka dikolo, dikereke le morafe ka kakaretso.

O supile gore konokono ya go lwantsha bolwetse jo ke go nna mo tikologong ee phepa, a tlatsa ka gore sepe se se jewang kana se nowa ke ngwana se tshwanetse sa tshwarwa ka manontlhotlho go itsa go kgotlelwa.

Mme Bontle o tsweletse a supa gore tshwaragano le boeteledipele jwa bodiralapuso le jwa morafe e thusitse thata go anamisa molaetsa wa go lwantsha bolwetse jwa letshololo.

A re mo bekeng e fetileng, ba amogetse bana ba le batlhano ba ba neng ba gateletswe thata, le ba ba bangwe ba le batlhano ba seemo sa bone se ne se le fa gare mme botlhe ba robadiwa go fiwa kalafi ba le gaufi.

Mme Bontle a re bana ba le masome mabedi le bobedi (22) ba ba neng ba supa dikai tsa letshololo mme ba sa gatelelwa thata ba ne ba fiwa kalafi mme ba boela malwapeng.   

A re sengwe se se neng se tshwenya ke gore bangwe ba bomma bana ba ne ba ngodiega go isa bana kwa ditlamelong tsa botsogo tse di kwa mafelong a ba nnang kwa go one, mme ba santse ba leka go kopa thuso mo bangweng ba go dumelwang ba itse thata go alafa malwetse a bana.

A re le fa gone batho ba mofuta oo ba le teng mme ba ka thusa mo mabakeng mangwe, go tsaa tsela eo go ne ga dira gore bana bangwe ba isiwe kwa dikokelong ba setse ba gateletswe thata.

Mme Bontle a re dingaka tsa setso le tsone di gakolotswe go tsibogela seemo se.

Le fa seemo se kokobetse mo kgaolong potlana ya Mahalapye ka gore dipalo tsa bana ba ba lwalang di fokotsegile fela thata, Mme Bontle o kopile setshaba go tswelela ba etse seemo thoko.

O tsweletse a supa gore le fa ba tlhaelelwa ke ditlamelo jaaka dikoloi, ba dira ka natla go gasa molaetsa mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo jaaka meraka le dipolase.

O supile fa dikomiti tsa botsogo tsa metse, ba boitekanelo le ba lekalana la bophepa jwa tikologo le bone ba dirile ka natla go gasa molaetsa.

Mo go tse dingwe, Mme Bontle o supile gore go simolola mo ngwageng o fetileng, kgaolo potlana ya Mahalapye e simolotse go lemoga dikgang tsa bolwetse jwa malaria.  

A re gore go tsibogela seemo, ba simolodisitse letsholo la go ruta batho ka bolwetse jwa malaria, a tlatsa ka gore tikologo e e phepa e botlhokwa mo go lwantsheng bolwetse joo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 10 Oct 2018