Breaking News

Bagodi kwa Zoroga ba ikemela ka dinao

10 Oct 2018

Bagodi kwa Zoroga ba re ba gatetse pele ka maiteko a go koleka madi gore ba kgone go ipoloka.

Mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa mokgatlho wa Tamburani Burial Society, Rre Bathusi Baiphi, a re ka ngwaga wa 2009, ba ne ba tla ka mogopolo wa go dira sengwe se se ka ba tswelang mosola gape sa nna le motlhala mo botshelong ntswa ba siilwe ke nako.

A re ba ne ba tlhama mokgatlho oo ka ba thusang ka tsa poloko mme ba ne ba o bitsa Tumbarani e le ‘amogelang’ ka Senanjwa.

Rre Baiphi a re ka ntlha ya lerato la go batla go itirela le go ithulaganyetsa bonno fa botshelo bo khutlile, ba ne ba dumelana go koleka P20 kgwedi le kgwedi, mme ba ba amogelang madi a seshabo fela bone ba ntsha P10.

O tlhalositse fa maikaelelo a ntlha a mokgatlho e ne e le go reka tante le ditilo tse di tlaa dirisiwang mo dintshong tsa bangwe ka bone, mme  fa tante e kopiwa ke ba ba e seng maloko ba duele P450.

Rre Baiphi a re ka lesego, le go ititaa sehuba go ka fitlhelela maikaelelo a bone, ba ne ba kgona go reka tante eo.

O tsweletse ka go tlhalosa gore pele ga ba reka tante, ba ne ba itlamile gore fa mongwe ka bone a ka tlhokafala, ba tla mo tshidisa ka P500.

A re le ntswa ba sa kopane sentle ka ntlha ya mabaka a botsogo le ditshwarego ka go farologana, ba tsweletse ka koleke, ka ba batla go rekela tante ditilo.

Rre Baiphi o supile fa dikgwetlho tse ba kopanang natso e se go tlhoka go koleka ga bogodi fela, a re ba thukutlhilwe ke magodu ka ba sena dithata tse di kalo tsa go ka mekamekana le bone.  

A re go amogela thari ga bagodi mo motseng wa bone ka ba le kgakala le ditlamelo le gone go baka bogodu ka ba sena dinao tse di bofefo gape ba nna kgakala le motse.

Rre Baiphi a re madi a mokgatlho a tshwarwa ka molao motheo, ka ba butse letlole ko bankeng go ka a boloka.

O tsweletse ka go supa fa go na le mekgatlho mengwe ya poloko e ipapatsang mo go bone go ka ba thusa ka tsa poloko yotlhe, a tlholosa fa ba santse ba ithulaganya ka kgang ya teng.

O gakolotse bagodi go tshwaragana go boloka bangwe ka bone ka malatsi ano banana ba ile ditoropong go batla botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Potsolotso

Date : 10 Oct 2018