Breaking News

Bogakolodi bo botlhokwa mo lenyalong

09 Oct 2018

Molaodi wa Bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego a re bogakolodi ka lenyalo bo botlhokwa ka e le jone motheo wa lone.

Mo potsolosong le BOPA, Rre Leipego o tlhalositse fa go tsaya dikgakololo ka lenyalo go rotloetsa batho gore ba ikgakologelwe, ba ikitse gore ke bomang le gone gore ba batla eng mo lenyalong.

Molaodi o tlhalositse fa bogakolodi bo thusa gore banyalani ba tlhaloganye bomolemo jwa kgolagano ya bone le gone gore e tlhoka boitshwaro jo bo ntse jang.

“Dikgakololo di tshwanetse tsa dirwa pele ga lenyalo, le tsweletse le gone morago ga lone batho ba tshwanetse ba kopa dikgakololo,” ga tlhalosa molaodi.

O kaile fa Batswana ba goga dinao go kopa dikgakololo ka lenyalo, a tlhalosa fa seo se ne se ka thusa go fokotsa dikgang tsa go thubega ga malwapa.

Rre Leipego o tlhalositse gape fa  Batswana ba tlotlile go kopa dikgakololo fela fa dilo di sa tsamae sentle, a tlatsa ka go re go  botlhokwa go batla bogakolodi le fa go le monate ka seo se ka nonotsha kgologano ya bobedi le gone gore ba ka emelelana jang le dikgwetlho tse ba ka kopanang natso mo isagong.

A re batho ka bontsi ba tsena mo lenyalong ba  sa itse ka lone, a supa fa bangwe ba tsenela mabaka a e seng a lenyalo jaaka go batla dikhumo, kana go nyalwa fela ka gore ba bona bangwe ba nyetswe.

O rotloeditse batho go tlhaloganya gore lenyalo ga se metshameko.

A re le diretswe go tsweledisa letso la setho le gone go aga lelwapa la motia.

A re lenyalo le a tlotlwa e bile le a dibelwa ka jaana le tlhodilwe ke Modimo.

A re go na le dintlha tse tharo tse di botlhokwa mo lenyang e leng tlotlo, therisano le go direla mokapelo wa gago bomolemo, a supa fa dintlha tseo di godisa lorato mo lenyalong e bile di rotloetsa go tshepana.

Rre Leipego a re banyalani ba kopa dikgakololo mo batsading, masika kana bagolo ba ba setseng ba tshegeditse molao wa lenyalo, a supa fa nako tse dingwe go sa tlhokafale moitseanape wa lenyalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 09 Oct 2018