Borre ba itlhotlhora lehuma ka moriri
09 Oct 2018
E re ka Motswana a rile ‘phokoje go tshela yo o dithetsenyana,’ borre ba batlhano ba ba tlholegang kwa Tonota ba bone go tshwanela go ikokoanya go loga moriri, tiro e gantsi go tlwaetsweng e dirwa ke bomme.
Botlhano jo ke borre Segolame Owaitse, 47, Phillip Owaitse, 44, Golebaone Owaitse, 41, Peter Mokowe, 39 le Poloko Moweu, 33.
Ba re sephiri segolo se se ba rotloeditseng go inaakanya le tiro ya meriri e ne e le lorato lwa go ntlafatsa batho.
E re ka jaana botlhano jo jotlhe bo sikana e le bana ba motho le bo ntsalaabone, kgwebo e nna motlhofo ka jaana le fa ditshwetso di tsewa ga go ke go nna le yo o itirang leidi go sa tlhokafale.
Kgwebo ya bone e e mo tseleng e tona e e ralalang Palapye go bapa le kereke ya Sabata, e bidiwa Shakino Hair Salon & Beauty Parlour.
Fa a phuthololela BOPA ka mosepele wa bone mo kgwebong, Rre Mokowe a re ba sale ba inaakanya le kgwebo e ka 1992 e santse e le bokgwa mashi ba thapilwe ke Yarona Hair Salon kwa Selibe-Phikwe.
Rre Mokowe a re ka nako eo motho yo o neng a itse go loga e ne e le Rre Phillip mme ba bangwe ba tsene ka go thusa go baakanya se se senyegileng mme ba felela ba na le lorato mo go logeng ka jaana ba ne ba tle ba thuse fale le fale ka malatsi a kgwebo e phophomang.
A re ba ne ba fudugela kwa Palapye ka 2008 ba thapiwa ke ntsalaabone yo o neng a bula madirelo a go loga a masha mme a bona go tshwanela go dirisa bokgoni jwa bone.
A re mme e ne ya re fa madirelo ao a tswalwa morago ga dingwaganyana, ba itshimololela kgwebo ya bone ka bonnyennyane jo ba neng ba na le jone.
E re ntswa go sena ope mo botlhanong jo yo o etseng tiro ya go loga kwa sekoleng, ba re ba kgontshiwa ke lorato mo go se ba se dirang.
Fela jaaka bomme, borre ba ba tlhapisa ditlhogo, ba loga melogo yotlhe ka go farologana gammogo le go beola mefuta e e farologanyeng.
“Basadi ba rata bontle, ka jalo re ba ntlafatsa re le pelotelele e bile re ba tlhalosetsa se re se dirang. Bontsi jwa batho ba dumela gore borre ke batho ba ba pelotelele, ke ka moo re nnang le batho ba bantsi ba ba tlang go intlafatsa kwa go rona.
Nako tse dingwe ga go tlhokafale gore motho a bo a ile sekoleng go ka dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho, kitso, bokgoni le lorato ke tsone tse di botlhokwa,” ga tlhalosa Rre Mokowe.
A re ba kgona gore ba ngoke bontsi jwa batho ka jaana ba amogela mongwe le mongwe ka lorato le monyenyo e bile ba kgotsofatsa batho ba bone ka melogo e ba e batlang.
Rre Mokowe a re ka jaana ba tswa kgakala le kgwebo ya moriri ba na le baji-bareki go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe ba ba saleng ba loga kwa go bone bogologolo, a supa gore tiro e ntle e ba e dirang e a ba bapatsa.
O supile gape gore ba thusiwa ke go bo e le bagolo botlhe mo tirong, ka jalo go sena ditshelenyana.
A re bareki ba bone ba kgona go ikokoanya kwa metseng e sele jaaka boSerowe le Letlhakane re bo re ba latela.
A re le mo Palapye fa motho a sa kgone go goroga kwa madirelong, ba mo latela kwa a teng.
A re selo se sengwe se se ba ngokelang batho ke go loga ka sekoloto le fa batho bangwe e re go tswa foo ba tsena ka lenga la seloko ntleng le go duela.
Go ya ka Rre Mokowe ga ba letlelele nnotagi mo tirong, e bile go gona ope yo o tshwanetseng go tshwara tlhogo ya motho a itshietse.
O ne a supa gape gore ga ba letlelele mokgwa o o ka tshabisang batho, bogolo thata bomme, go loga kwa go bone.
O ne a re jaaka kgwebo nngwe le nngwe, ba na le dikgwetlho di akaretsa go tlhoka lefelo le e leng la bone mme seo se ba pateletse go duela dikago tsa batho madi a mantsi, a supa fa ba ka bo ba setse ba butse madirelo a mantsi e bile ba thapile banana ba bantsi mme ba paledisiwa ke dituelo tse di kwa godimo tsa phiriso.
Le fa go ntse jalo, Rre Mokowe a re ba rotloetsa banana ba ba nang le keletso ya go loga le go ba thusa ka go ba fa dithuto tsa mahala tsa go loga.
A re gantsi fa bana ba sena go fetsa mophato wa botlhano ba a ba ruta mme ba ba latlhelele lemmenyana le ba ka ithekelang melora ka lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonte Seepi
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 09 Oct 2018



