Mokgatlho o ithaopile go thusa
08 Oct 2018
Mokgatlho wa Mophane Burial Society, o o tlholegang kwa Maun, o ithaopile go thusa ba ba kobo dikhutshwane mo diphitlhong.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho oo, Rre Baeletsi Lefoko o kaile fa ba tlhamile mokgatlho oo ka 2015, morago ga go lemoga gore batho ba ba tlhokileng lesego ba tshwara phage ka mangana fa ba welwa ke seru sa dintsho.
Rre Lefoko o tlhalositse fa ba ne ba kopanya ditlhogo go akanya gore ba ithaope gore ba ithuse ba bo ba thuse batho ba ba tlhokileng lesego fa ba welwa ke seru.
O tlhalositse fa leloko lengwe le lengwe le itlamile go ntsha dipula tse di lekgolo le lesome (P110) go dirisiwang go thusa mo dintshong.
“Re ne ra ithaopa gore mongwe le mongwe wa rona a ntshe lemmenyana leo gore fa go tlhagoga loso, re eme ba ba mo selelong nokeng. Re thusa ka dijo fa nako tse dingwe re thusa le ka yone tante tota,’’ a tlhalosa.
A re ba ne ba utlwalela mokgatlho mongwe o o thusang mo dintshong kwa Molepolole, mme ba kwatabolotsa mo go one, ka gore ba ne ba lemoga letlhoko la bone ko Maun.
Rre Lefoko o tlhalositse fa madi ao e ne ele seitamo sa bone sa kgwedi le kgwedi mme erile ba bona fa dintsho di tlhagoga nako le nako, ba fetola seo mme ba ntsha madi ao beke le beke fa go nna le loso.
“Re ne ra felela re pitlagana ka gore leso lone le ne le tlhagoga kgwedi e e ise e fele, mme ra felela re ntsha beke le beke fa go tlhagoga loso, selo se se re pitlaganyang fela thata’’ a tlhalosa.
Fa a tswa la gagwe, motshwaramadi wa mokgatlho oo, Mme Kemoreng Mathabakanyi, o tlhalositse fa ba batla gore fa mokgatlho o gola, ba akaretse batlhoki le masiela go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang.
Motswaramadi a re ka ga ba na ofisi, ba kopanela fela ka fa tlase ga setlhare, a kaya fa seo se sa ba kgobe marapo, a re batla a leka ka bojotlhe gore ba gole ba fitlhelele maikaelelo a bone.
O tlhalositse fa ba ise ba tsene mo diofising tsa puso le mafelo a bopelotlhomogi go kopa dithuso, mme a re mo nakong ee sa fediseng pelo, ba tlaa kopa kemonokeng kwa diofising tsa puso gore e ba thuse go nna le fa ba direlang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 08 Oct 2018



