Mmabatho o thusa dikole tsa Selebi Phikwe
08 Oct 2018
Lekgotla la bopelotlhomogi la Mmabatho Foundation le abetse dikole tse dipotlana le tse dikgolwane tsa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba didirisiwa tsa maranyane di akaretsa khomputara, mechine ee ntsifatsang dipampiri le didirisiwa tse dingwe.
E rile a amogela dimpho tse mo boemong jwa boeteledingpele jwa dikolo tse, mogokgo wa sekole sa Moepong, Mme Dorcus Olebile, a bolela fa dimpho tse ele go lemogwa go bereka ka natla ga dikole tsa Selebi Phikwe Botlhaba ke ba lekgotla la Mmabatho Foundation.
O tlhalotsitse fa dikolo tsa Selebi Phikwe di tsweletse ka go dira sentle mo dithutong le ntswa di lebaganwe di dikgwetlho di le mmalwa.
A re maduo a dikole tsa Selebi-Phikwe a supile fa di kgona go phadisanya le dikole tsa lefatshe leno ka bophara e bile di kgona go balelwa mo dikoleng tse di dirang sentle mo lefatsheng leno.
Mme Olebile o boletse fa go bereka ka seopo sengwe ga baruta-bana ba dikole tsa Selebi Phikwe ele gone go dirang gore dikole di dire sentle mo dithutong.
O boletse fa dimpho tse di tlaa thusa go tokafatsa maduo a dikole tsa bone le go fedisa dikgwetlho tse ba ntseng ba kopana le tsone mo tirong ya bone.
Modulasetilo wa lekgotla la Mmabatho Foundation, Mme Daisy Molefhi, o boletse fa lekgotla la bone le tlhamilwe ka ngwaga wa 2016 ka maikaelelo a go tokafatsa matshelo a setshaba, a tlhalosa fa Mmabatho Foundation e lemoga boleng jwa thuto mo tlhabololong ya matshelo a setshaba.
A re Mmabatho Foundation e eletsa go bona mongwe le mongwe a bona tshwanelo ya go amogela thuto ntle le dikgwetlho tse a tshelang ka tsone, ka jalo a re lekgotla le tla a tswelela ka go nna le seabe mo tlhabololong ya thuto go bona gore bana ba amogela thuto ee maleba.
O tlhalositse fa tiriso ya maranyane mo thutong ya nako eno ele maleba e bile e tlhofofatsa kafa bana ba ithutang le kafa baa rutiwang ka teng.
A re ka ngwanga wa 2017, Mmabatho Foundation e abetse baithuti ba ba dirileng sentle mo dikoleng tsa Selebi Phikwe madi aa tshwarang P30 000 ele tsela ya go ba kgotlhatsa gore ba tswelele ba dira ka natla mo dithutong tsa bone.
Mme Molefhi o boletse fa ba abetse dikolo dimpho ka ba lebile letlhoko lele mo go tsone ka ba buisantse le dikole tse pele go lekola matlhoko a bone go bona gore ba ka thusiwa jang.
O tlhalositse fa didirisiwa tsa maranyane tse ba di abileng di akaretsa dikhomputara dile masome a mane le metshine ee ntsifatsang dipampiri e metona le e mennye, tse a boletseng fa di tla abo di ntshafadiwa ke lekgotla la gagwe fa di senyega.
Fa a tswa la gagwe Rrateropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o tlhalositse fa lekgotla la Mmabatho Foundation le supile fa le kgathala ka tlhabololo ya thuto ya lefatshe leno.
O boletse fa dimpho tse ditla nna le seabe mo go tokafaleng ga maduo a dikole tsa Selebi Phikwe tsedi tsweletseng di dira sentle ntle, mme a lebogela Mmabatho Foundation go supa fa ba kgathala ka tlhabolololo thuto ya lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 08 Oct 2018



