Breaking News

Mme Masisi o lela ka dintsho tsa HIVAIDS

08 Oct 2018

Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, a re o tshwenngwa ke go oketsega ga dipalo tsa batho ba ba tlhokafalang ka ntata ya HIV le AIDS.

O buile jalo ka letsatsi la Tshipi kwa Kang kwa kgaolong ya Kgalagadi ga go tswalwa semmuso kgwedi ya merapelo.

Ditlhotlhomiso tsa lekalana la National AIDS Coordinating Agency (NACA) di supa fa bomme ba le sekete le makgolo a ferabobedi le borre ba ka tshwara dikete tse pedi ba tlhokafala ngwaga le ngwaga.

Mme Masisi a re go swabisa nko go feta molomo go bona matshelo  a santse a latlhega ka bokete jo bo kalo, le mororo puso e ntshitse diritibatsi tse di tsewang mahala.

O gwetlhile borre go tsena lenaneo la diritibatsi le go netefatsa gore ba obamela ditaelo tsa ba botsogo ka jaana bontsi bo ka kgona go tshela lebaka.

Mme Masisi o ne a gwetlha banana go utlwa batsadi le go tsena dikereke gore ba kgone go fapoga dihawa tse di okameng lefatshe.

O ne a gwetlha banana gape gore ba seka ba itira bo tsebe se utlwe fa ba bolelelwa ka meila ya Setswana ka e na le boleng mo go thuseng go falotsa bana mo kotsing.

O ne a gwetlha bana ba basetsana go itlhokomela ka go tsaya mebele ya bone jaaka tempele ya Modimo, mme a ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone, go na le go itewa tsebe ke dilo di tshwanang le mesokelatsebeng, dikoloi le madi.

A re tseo ba tlaa di ithekela fa ba setse ba itshwarela ka diatla.

Mo go tse dingwe,  o ne a gwetlha batsadi go nonotsha dipuisanyo tsa bone le bana kwa malwapeng ka dikgang tse di amang tlhakanelo dikobo.

A re  mpuru o faretswe, ka jalo, ba tshwanetse go itoma melomo ya tlase go thusa go babalela matshelo a babusi ba kamoso ba lefatshe leno.

O ne a tsibosa setshaba fa puso e dirisa matshebetshebe a madi go itepatepanya le seemo sa segajaja, a supa gore fa batho ba ka sala dikgakololo tsa ba botsogo morago, matshelo a le mantsi a ka babalelwa mme puso e kgone go atolosa ditlhabololo tse dingwe ka madi ao.

E ne ya re go le pele, Mogolwane go tswa kwa NACA, Mme Gloria Rakgotla, a supa fa ditlhothomiso ka HIV/AIDS e se tse di nametsang ka jaana lefatshe leno, le le mo maemong a boraro ka selekanyo sa 18.5 per cent mo Borwa jwa Aferika.

Mme Rakgotla  a re dipatlisisio tsa ngwaga wa 2017 di supile fa dipalo tsa batho ba ba tshelang ka mogare ba le 380 000, bomme ba le 210 000, borre 160 000 bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bone ba le dikete di ferabongwe (9 000).

A re se se ngomolang pelo ka bana ke gore puso e simolodisitse lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng ka ngwaga wa 2002, mme ka maswabi go santse go tsholwa bana ba ba nang le mogare.

O ne a supa gape fa go itlhatlhobela mogare le gone go sa nametse ka jaana 86 per cent ya batho e itlhatlhobile ebile ba itse seemo sa bone sa mogare fa 14 per cent yone e le mo lehihing hela, ka jalo a gwetlha botlhe go tsaa maikarabelo go itse seemo sa bone ka jaana moo go le botlhabetsi mo kanamisong ya mogare.

O ne a tlatsa ka gore puso e dirile maiteko go netefatsa gore diritibatsi di phatlalatswa le lefatshe, ka maswabi go santse go na le bangwe ba ba sa nweng diritibatsi mme seo se baya matshelo a bone le bakapelo ba bone mo diphatseng.

Mo go tse dingwe o ne a supa fa mo kgaolong ya Kgalagadi bokone seemo sa mogare se le mo go 13.3 per cent mme ba gatisitse dipalo tse disha tsa ba ba tsenweng ke mogare ngwaga o o fetileng ba le lekgolo le masome a mabedi le boraro.

Mme Rakgotla o ne a gwetlha setshaba go tsaa mananeo ka tlhwaafalo, kemiso ya marato a magokanyane, tiriso botlhaswa ya nnotagi le yone kemiso ya tlhakanelo dikobo ya bana ba ba botlana le batho ba batona e le methale mengwe e e ka thusang lefatshe go fitlhelela maitlamo a beilweng ke lekgotla la ditshaba la go fedisa bolwetsi jwa HIV/AIDS ka ngwaga wa 2030. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : KANG

Event : Kgwedi ya Thapelo

Date : 08 Oct 2018