Kereke ya Morning Star Apostolic e aba ntlo
08 Oct 2018
Kereke ya Morning Star Apostolic Church Of Christ e abetse Mme Dineo Monare wa Sefhophe ntlo.
Fa amogela ntlo eo ka Matlhatso, mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi, o ne a akgolela kereke eo go supa tumelo e e nang le ditiro.
Rre Molefhi o tlhalositse fa kereke e tshwanetse go thusa setshaba, mme a e gwetlha go tswelela ka go bereka le puso go thusa go nyeletsa lehuma le go fa batlhoki seriti.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a lebogela kereke seabe sa yone mo go tlhabololeng motho.
Moeteledipele wa dikereke tsa semoya, Rre Phillimon Motlhagodi, a re dikereke tsa semoya di bone go le maleba go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re fa e sa le go simolola ka kgwedi ya Ferikgong monongwaga dikereke tsa semoya di abile matlo a le lesome le boraro lefatshe ka bophara.
O ne a tlhalosa gore dikereke tsa semoya di tsamaelana le tshetlana ya tebelopele ya ngwaga wa 2036 ya go aga itsholelo ya boleng ka go nyeletsa lehuma.
Moeteledipele wa kereke ya Morning Star Apostolic Church Of Christ mo Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa, a re ba ne ba gwetlhwa ke seemo sa ga Mme Monare, mme ba tsaa maikarebelo a go kokoanya madi go mo agela ntlo.
O ne a re ke nako ya gore kereke e tsenye letsogo go inola ba ba tlhokang mo molelong wa khumanego, mme a kgothatsa bakeresete go nna le bodiredi le go emisa mokgwa wa go batla go ikhumisa ba itlhokolositse ba ba tlhokang.
Fa a ntsha la gagwe, Mme Monare o ne a leboga kereke ya Morning Star a tlhalosa fa a ba leba jaaka batsadi ba gagwe, ntswa a sa tsene kereke eo.
O ne a ba kopa go tswelela ba supa mowa wa lorato go ralala lefatshe la Botswana ka go na le ba bangwe ba ba tlhokang.
E re dikgang di eme jalo, Rre Mzwinila, yo gape e leng tona ya tsa lefatshe, o ne a bolela fa puso e na le molao kakanyetso wa go fetola ditsetlana dingwe mabapi le go abela dikereke ditsha.
A re puso e lemogile fa molao o o teng o baa dikereke ka fa mosing, mme seo se tla ama maikarabelo a mantle a di a tsayang jaaka go inola Batswana mo lehumeng.
Ene erile go le pele, moeteledipele wa dikereke tsa semoya mo Botswana, Rre Motlhagodi a tlhalosa fa puso e le maoto a tshupa go ba abela lefatshe.
O ne a re seo se tla folodisa mangwe a maitlamo a bone a go tlhabolola lefatshe le go thusa setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : SEFHOPHE
Event : Kabo ya Ntlo
Date : 08 Oct 2018



