Breaking News

Bagodi ba Magoriapitse ba amogela dimpho

07 Oct 2018

Banni ba Magoriapitse mo kgaolong ya ga Borwa e rile bosheng ba abela bagodi ba le batlhano dimpho.

Mo potsolotsong, mongwe wa setlhopha sa bomme ba batlhano se se neng se aba dimpho, Mme Mpho Moremedi o ne a tlhalosa fa ba ne ba bona go tshwanela go ipelela botshelo jwa bagodi ba ba mo motseng wa bone, ba supa fa ba segofetse go bo motse wa bone o ikgantsha ka ditiro tsa bagodi ba motse. A re botshelo ke mpho ya Modimo.

Mme Moremedi a re ba ne ba ikopanya e le bomme ba le batlhano ba tshwaraganya madi a ba nang nao mme ba tswa ka mogopolo wa go rekela bagodi dimpho.

Dimpho tse ba di abileng di akaretsa tse di tlhapang le ditlhatleo ga mmogo le dikotlele tse di potlana.

Dimpho tseo di kailwe fa e le tsela ya go tsisa monyenyo mo bagoding ba motse, a tlatsa ka go re ba itumelelboleng teng jwa bone mo matshelong a bone.

Mme Moremedi o ne a tlhalosa fa e se la ntlha ba aba ka ba kile ba abela kgotla ya Magoriapitse ditilo di le masome a mabedi ka 2016 di kwadilwe BOT50.

O ne a tlhalosa fa bontle bo itirelwa e bile motse o itlhabololelwa ke beng, ka jalo maikaelelo magolo a bone e le go tsisa ditlhabololo mo Magoriapitse ka jaanong ba itlama go tsenya letsogo mo botlhoking bongwe le bongwe jwa motse.

O ne a tlhalosa fa motse wa bone o sena poso mme ba ikaelela go akanya go leka go e aga e le maiteko a go ema nokeng puso go tlhabolola motse.

A re ba ikaelela go tsweledisa mowa wa go aba. O tlhalosa fa jaanong ba tsile go phutholola dikakanyo go abela batlhoki ga mmogo le ba-na-le bogole ba ba mo motseng.

O ne a kopa banni ba Magoriapitse go tlatsa setlhopha sa bone, bogolo thata banana, a tlhalosa fa bokamoso jwa lefatshe leno bo ikaegile ka bone.

O  ne gape a gatelela botlhokwa jwa go tlhama ditlhopha. A re go bereka ka ditlhopha go mosola ka lentswe la setlhopha le utlwala go na le fa motho a ikemetse mme e bile a supa fa setlhopha se thusana ka megopolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : MAGORIAPITSE

Event : Potsolotso

Date : 07 Oct 2018