Setlhopha se tshegeditse ngwao ya Sebirwa
07 Oct 2018
Mmino wa Sebirwa ga o a tuma thata jaaka mebino ya dingwao tse dingwe e e akaretsang setapa, tsutsube le phathisi.
Mongwe wa banana ba Bobonong e bile e le motlhami wa Setlhopha sa Manameja Nkwe Thabeng, Rre Given Kolobe o buile mo potsolotsong gore mmino wa Sebirwa o ka tlhabolola itsholelo ya baagi ba Bobirwa fela fa o ka tshegediwa le go anamisiwa.
Rre Kolobe a re morago ga go lemoga fa mmino o ka nna karolo ya bojanala, o ne a tlhama setlhopha sa Manameja Nkwe Thabeng ka 2011.
A re setlhopha sa Manameja Nkwe Thabeng se tlhamilwe ka maloko a le masome mabedi le botlhano, a tlatsa ka go re bontsi jwa maloko ao ke banana ba Bobonong.
O tlhalositse fa setlhopha seo se itlamile go tsholetsa serodumo sa mmino wa Sebirwa le go supa ngwao ya Babirwa.
Rre Kolobe a re setlhopha sa Manameja Nkwe Thabeng se diragatsa mo manyalong, mo medirong ya itloso bodutu le mo diphuthegong ka go farologana, a tlatsa ka go supa fa seo e le tsela nngwe ya go phatalatsa mmino oo.
O tlhalositse fa setlhopha seo se setse se kile sa diragatsa kwa dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona kwa se neng sa tsaya maemo a bobedi sa ba sa ikgapela P22 000.
O tlhalosa fa go tsenelela dikgaisanyo go dirile gore setlhopha seo se itsewe.
Rre Kolobe a re ngwao e kaya se motho a leng sone gape ngwao e neela motho seriti.
O tlhalosa fa ngwao, segolobogolo mmino, e ka dirisiwa go ngoka bajanala ga mmogo le go kabakanya itsholelo ya lefatshe.
A re kgaolo ya Bobirwa e na le mafelo a mantsi a bojanala jaaka Mashatu Game Reserve le Kwa Tuli, ka jalo a supa fa ba ka dirisa mafelo ao go ithekisa le go anamisa mmino wa Sebirwa.
Rre Kolobe a re fela jaaka mmino wa Polka o setse o itsege gongwe le gongwe, mmino wa Sebirwa o tshwanetse go anamisediwa kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno gore merafe e mengwe e kgone go o bina gammogo le go ithuta ka ngwao ya Sebirwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 07 Oct 2018



