Breaking News

Lekgotla la baruti le kgala tlhakanelo dikobo ntleng ga tseo

07 Oct 2018

Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Moruti Obakeng Baumake o kgadile tlhakanelo dikobo ntleng ga lonyalo a re e na le seabe se se kwa godimo mo kanamong ya mogare wa HIV.

Moruti Baumake yo gape e leng moruti wa kereke ya Faith Mission Apostolic Church in Botswana o ne a tswalela kgwedi ya thapelo kwa Maubelo ka bosheng.

Fa a bua maikaelelo a lekgotla la baruti o boletse fa e le go kopanya le go  aga botsalano le dikereke tse di farologanyeng go bua ka lentswe le le lengwe kgatlhanong le mogare wa HIV o o tsweletseng ka go gola mo lefatsheng leno.

Moruti Baumake o tlhalositse gore  moono wa lekgaotla leo, le le kwadisitsweng semmuso ngogola ka Mopitlo e le go aga tshaba e e nang le kagiso e bile e tshela e phuthologile.

Modulasetilo wa lekgotla la baruti o kaile fa baruti ba tshwanetse go tsaya boikarabelo ka go kgothatsa le go tlhomamisa gore maloko a a tshwerweng ka mogare a tsaya diribatsi ka fa go tshwanetseng.

O kopile  borre ba ba nyetseng go itebaganya le basadi ba bone, a kaya fa go ratana le bakapelo ba le bantsi go oketsa kanamo ya mogare.

A re baruti ba tshwanetse go nna sekao le gone go kgothatsa ba ba sa nyalang go nyala.

Sebui sa letsatsi, Assistant Superintendent Albert Moeng yo e leng  mookamela mapodisi a e seng a seaparo (CID) mo Tsabong o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore batho ba itlhatlhobele mogare gore ba itse seemo sa bone.

Assistant supurintendent Moeng o boletse fa mo gongwe mogare wa HIV o bakwa ke dipetelelo, go nwa bojalwa phetelela le gone go ratana le bakapelo ba le bantsi, selo se  a kopileng baratani go se emisa.

O ne a gakolola bomme go tsamaya le ba bapati, bogolo jang fa go le bosigo ka gantsi dirukutlhi  di ba tshoganyetsa go itseela dikobo ka dikgoka.

O kgothadiste ba ba tsayang diritibatsi gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go tsaya melemo kwa dikokelong kana dikokelwaneng.

A re go tlhajwa ke ditlhong ke go itiela sebaka fela sa go itseela dikgato ka fa go tshwanetseng.

O ne a kopa batsadi go kgalemela bana ba basetsanyana go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ka e felela e baka boimana ga mmogo le malwetse ba sa ntse ba le bannye.

Mo mafokong a gagwe a go tswalela letsatsi leo, mothusa molomaganya ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS mo Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo o boletse fa puso e ne ya bona go le botlhokwa go tshwaragana le dikereke go rapelela bolwetse joo ka Modimo e le one konokono mo tharabololong ya diemo tsotlhe mo botshelong.

Mme Molomo o ne a gwetlha baruti go ema ka dinao ba ithuta le go batlisisa ka bolwetse jwa AIDS gore dithuto tseo ba di fetisetse kwa diphuthegong ka ba tlhaloganya botoka e bile e le bone go beilweng mo go bone mo kagong le popaganyo ya setshaba.

O ne a tlatsa ka go gakolola batsadi go godisetsa bana mo lefokong la Modimo ka go tsena kereke ka e le yone e ka ba betlelang ditsela tsa boammaaruri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya Baruti

Date : 07 Oct 2018