Breaking News

Tshwaragano ya dikomiti e botlhokwa

07 Oct 2018

Mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le tshomarelo ngwao, Rre Dikgang Makgalemele o gwetlhile dikomiti tsa motse wa Mmutlane go nna seopo sengwe go tsweledisa ditlhabololo tsa motse.

Rre Makgalemele o buile jaana bosheng mo phuthegong le baeteledipele ba motse oo le dikomiti ka go farologana.

A re VDC e okametse dikomiti tsotlhe tse di mo motseng le gone go etelela mananeo a ditlhabololo pele.

“Ke lona tshoso e rweleng fa go buiwa ka ditlhabololo tsa motse,” ga tlhalosa Rre Makgalemele.

A re dikgang di akaretsa letlhoko la ditiro mo motseng le seemo sa lehuma ke boikarabelo jwa komiti ya ditlhabololo go di batlela tharabololo.

Rre Makgalemele a re VDC e tshwaragane le komiti ya badirelapuso (Village Extenstion Team) le ya twantsho borukutlhi go baakanya motse.

“Etelelang pele lenaneo la nyeletso lehuma le go bona gore dikgwebo tsa ba ba thusitsweng ka lenaneo leo di a itshetlela.”

O ne a tlhalosa fa mananeo a thusa go tokafatsa thuto, go ema lephata la botsogo nokeng le go thusa mapodisi go lwantsha borukutlhi e le boikarabelo jwa morafe o eteletswe pele ke dikomiti.

Rre Makgalemele a re o tshwenngwa ke gore o tswa kgakala a rotloetsa gore dikomiti tsa morafe di eme ka dinao go supa seabe sa tsone mo go tlhabololeng le go lwantsha mathata a a apereng metse ya bone mme go se nko e tswang lemina.

“Ke kopa gore VDC e tlhotlhomise mathata a morafe gore ba kgone go thusa ba boipelego go bona ba ba tlhokang thuso,” ga tlhalosa Rre Makgalemele.

O ne a supa dikereke ka monwana a re ga di dire go lekanye go thusa go lwantsha lehuma.

Mo go tse dingwe, o ne a supa fa a tshwenngwa ke letlhoko la ditiro, a tlatsa ka gore ga se botlhe ba ba nnang bagwebi, ka jalo go botlhokwa go godisa mhama wa kgwebo le go tlhama diphatlha tsa ditiro.

Rre Makgalemele o ne a gwetlha dikomiti tsa motse go rotloetsa morafe go godisa le go tswakanya mhama wa temo-thuo ka gore o na le bokgoni jwa go tlhama ditiro.

A re dikgwebo di akaretsa go dira pholeche, dithoto tsa matlalo ga mmogo le go gweba ka nama ke dingwe tse ba akanyang go tsena mo go tsone.

Fa a akgela mo mafokong a ga mothusa tona, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Binang Molema o ne a tlhalosa fa batho ba ba mo lehumeng ba tlhoka go fiwa dithuto tsa tshidilo maikutlo gore ba kgone go amogela seemo se ba leng mo go sone le gone gore ba ka tokafatsa matshelo a bone jang.

Mme Molema a re lehuma le tseela motho seriti, ka jalo bangwe ba batho ba ba mo seemong se ba tlhajwa ke ditlhong go kopa thuso le ba ba eletsa go itirela sengwe mo matshelong a bone.

O ne a supa fa go tlhabisa ditlhong go bona bangwe ba batsadi ba ba babaletsweng ke lehuma ba na le bana ba ba itsholetseng mme ba ba itlhokomolositse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MMUTLANE

Event : Phuthego

Date : 07 Oct 2018