Breaking News

Khansele e tlotla dikomiti tsa ditlhabololo

07 Oct 2018

E ne ya re kgwedi eno e le malatsi matlhano (Phalane 5) khansele ya Bokone Botlhaba ya tshegetsa moletlo wa kabo dietsele ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo eo.

E ne e le la ntlha go tshegediwa moletlo oo, e le ka maikaelelo a go lemoga le go leboga dikomoti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo eo, tse di dikileng di dirile sentle mo pakeng ya tsone ya dingwaga tse tharo di le mo ofising.

Kgaolo ya Bokone Botlhaba e na le di VDC di le masome a mane le botlhano mme di tlhophilwe ka 2015 ka Phalane, seo se raya gore di wetsa boikarabelo jwa tsone monongwaga.

Fa a tlhalosa maikalelo a letsatsi leo, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane o ne a re e re ka jaana dikomiti tseo di wetsa tiro mo malatsing a a sa fediseng pelo, moletlo oo o diretswe go lebogela maloko seabe se ba nnileng le sone mo go tlhabolololeng metse.

Mme Mpetsane, yo gape e leng mokhanselara wa Matsiloje, o ne a tlhalosa fa seo gape se thusa go sekaseka gore a dikomiti di diragaditse boikarabelo jwa tsone ka fa go tshwanetseng ka teng.

A re le fa VDC e le tiro ya boithaopo fela maloko a tsaya nako ya bone go e diragatsa le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tse jaaka lemmenyana le le kwa tlase le ba atswiwang ka lone.

A re maikaelelo mangwe ke go leka go godisa boikarabelo jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka jaana go supafala fa dingwe di sa diragatse dilo dingwe ka fa go tshwanetseng ka teng.

A re ka jalo bokopano joo bo ba neela sebaka sa go abelana maele le go anywa botsipa mo go ba bangwe.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa lephata la tlhabololo magae, Rre Steven Ludick o ne a galaletsa khansele ya Bokone Botlhana go bo e ne ya bona go tshwanela go rulaganya moletlo oo.

A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ke tsone di agang metse.

O ne a supa fa di VDC di dira namane e tona ya tiro ya go rotloetsa therisanyo mo ditirong tsa setshaba.

Rre Ludick o ne a supa fa puso e itse ka matshwenyego a bone ka dikatso tse di kwa tlase.

O ne a tlhalosa fa puso e dirisa P30 million ngwaga le ngwaga go atswa maloko a VDC.

Mo go tse dingwe, Rre Ludick o ne a gatelela botlhokwa jwa gore dikgosi, makhanselara le ba VDC ba tshwanetse ba goga ba le seopo sengwe gore ba gatele pele mo ditlhabololong tsa metse.

O ne a kopa maloko a VDC go beela kwa thoko sepolotiki le semorafe, ka dilo tseo di ka felela di thuba dikomiti, a bo gape a ba gwetlha go nna ba diragatsa boikarabelo jwa bone ba setse morago melawana e e tsamaisang di VDC.

O ne a tlhalosa fa seo se tlaa bo se supa gore ga ba a ikemela mme ba emetse dikeletso tsa setshaba.

Fa a lebisa mafoko kwa go ba lephata la boipelego la khansele ga mmogo le ba-na-le seabe ba bangwe, Rre Ludick o ne a ba gakolola fa go tlhophiwa ga VDC e le tiro e e masisi, e e tlhokang gore ba nne kelelelo gore tsotlhe di tsamae ka thelelo, ka jaana go a bo go tlhophiwa boeteledipele jwa motse.

Mopalamente wa Tati Bophirima, gape e le mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Biggie Butale le ene o ne a ema maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka lefoko la kgothatso, a supa fa di VDC di sale di nnile teng lefatshe leno le tsaya boipuso.

Rre Butale o supile fa di VDC di dira go le gontsi mo go lereng ditlhabololo mo metseng, a re ka jalo seo se supa fa e le tsone thito ya tshimologo ya ditlhabololo, ke ka moo di bidiwang dipalamente tsa metse.

O ne a gwetlha maloko go dira tiro ya bone ka botswapelo, ba tswa ka megopolo e e ka ba kgontshang go dira botoka go tlhabolola metse.

A re di VDC ke tsone di thusitseng lefatshe leno go nna mo seemong se le leng mo go sone.

Mo tlhatlhobong e di VDC di neng di tlhatlhojwa ka yone go ya ka fa di tshwanetseng go dira dilo ka teng, komiti ya ditlhabololo tsa Mabudzane e ne ya tsaya maemo a ntlha e salwa morago ke ya Shashe Brigde, fa ya Gulubane e ne ya gapa maemo a boraro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 07 Oct 2018